Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ka May: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R41,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kgotsa peeletso ya dikgwedi tse thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R20,50. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Dira maiteko a a kgethegileng a go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa mpho e sa amogelwe. Mo tshimong e e berekiwang mo gare ga beke le mo tshimong e e berekiwang kgapetsakgapetsa, go ka nna ga tsamaisiwa le boroutšhara jo bosha jwa Modimo o Batla Gore re Direng? June: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00. Tlhoma mogopolo mo go simololeng dithuto tsa magae tsa Baebele. July le August: Nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tse di nang le ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,20 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharonngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega Ka Rona?, Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe?—O Ka Le Bona Jang?, le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. Kwa tshimong e e sa abiwang: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R4,00 le O ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise e kgolo ka moneelo wa R8,00.
◼ Di-Compact Disc Tse Disha Tse di Gone:
Kingdom Melodies on Compact Disc, Dibolumo 1, 2 le 3 (Mmino wa okhesetera; phuthego, batho botlhe le babulatsela: R17,00)
◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse di Gone:
Jehovah’s Witnesses Stand Firm Against Nazi Assault (phuthego le batho botlhe: R52,00; babulatsela: R45,00)—Seesemane