Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Go fitlha jaanong go ile ga kgakolwa Diholo Tsa Bogosi di le tlhano mo ngwageng wa tirelo wa 1997: Hermanus, Hluhluwe, Intapuka (Verulam), Mngqesha (King Williams Town) le Wrenchville (Kuruman). Go sa ntse go na le tlhokafalo e kgolo ya gore batho ba ba kgonang go dira ditiro tse di rileng ba nne le seabe mo tirong eno e e botlhokwa ya go aga. Fa e le gore o rata go thusa Komiti ya Kago ya Kgaolo ya lefelo la lona, ikgolaganye le bone kana le molebedi wa gago wa potologo, go bona tshedimosetso e e oketsegileng.