“Jehofa ke Mothusi wa Me”
1 Fa Jesu a ne a roma barutwa ba gagwe ba ntlha, o ne a ba raya a re: “Bonang! Ke lo romela jaaka dinku gareng ga diphiri.” (Math. 10:16) A seo se ile sa dira gore ba nne le poifo mme ba ikgogone? Nnyaa. Ba ne ba nna le boikutlo jo moragonyana bo neng jwa tlhalosiwa ke moaposetoloi Paulo fa a ne a raya Bakeresetekaene a re: “Re nne le bopelokgale jo bogolo mme re re: ‘Jehofa ke mothusi wa me; ruri ga ke na ke boifa. Motho o ka ntirang?’” (Baheb. 13:6) Ba ne ba itumelela go kaiwa ba tshwanelwa ke go tlontlololwa ka ntlha ya leina la ga Jesu, mme ba ne ba tswelela pele ba sa lese go ruta le go bolela dikgang tse di molemo.—Dit. 5:41, 42.
2 Gompieno tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe e tloga e wediwa. Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele, re nnile ba ba tlhoilweng ke merafe yotlhe. (Math. 24:9) Tiro ya rona ya go rera e ile ya ganediwa le go nyadiwa, mme mo dikarolong dingwe tsa lefatshe, e ne ya ba ya thibelwa. Fa re se na tumelo, re ka nna ra ikutlwa re boifa. Le fa go ntse jalo, go itse gore Jehofa ke Mothusi wa rona go a re lapolosa le go re nonotsha gore re itshoke.
3 Bopelokgale ke nonofo ya go nna thata, go nna sebete, go tlhoka poifo. Ke pharologanyo ya go boifa, go nna boi, bogatlapa. Barutwa ba ga Jesu ba ne ba tlhoka bopelokgale ka metlha gore ba tle ba itshoke. Bo botlhokwa fa re batla gore re se ka ra nyemisiwa mooko ke boikutlo le mekgwa ya batho ba lefatshe le le leng bobaba le Modimo. A bo go re kgothatsa jang ne fa re akanya ka sekao se sentle sa ga Jesu, yo o fentseng lefatshe! (Joh. 16:33) Gakologelwa gape gore, baaposetoloi ba ba neng ba lebana le diteko tse di botlhoko ba ne ba bolela jaana ka bopelokgale: “Re tshwanetse go utlwa Modimo jaaka mmusi bogolo go batho.”—Dit. 5:29.
4 Ga re Mofuta Wa ba Ba Katang ka Morago: Re tshwanetse go leka go nna le boikutlo jo bo siameng ka tiro ya rona. (Baheb. 10:39) Gakologelwa ka metlha gore re rongwa ke Jehofa go bontsha lorato le boutlwelobotlhoko jwa gagwe mo bathong botlhe. Ga a ke a kopa batlhanka ba gagwe go dira sepe se se se nang maikaelelo a a mosola. Sengwe le sengwe se re abetsweng go se dira kgabagare se tla solegela ba ba ratang Modimo molemo.—Bar. 8:28.
5 Go nna le pono e e siameng go tla re thusa go nna re ntse re batla ba sekadinku mo tshimong ya rona. Re ka nna ra leba go sa kgatlhege ga batho bano e le tsela ya go re bontsha gore ba kgobegile marapo e bile ga ba na tsholofelo. A lorato lwa rona lo re tlhotlheletse go nna kutlwelobotlhoko le pelotelele. Nako nngwe le nngwe fa re tsamaisa dibuka kana fa re lemoga gore motho o na le kgatlhegonyana, mokgele wa rona e tshwanetse go nna go dira loeto lwa go boela ka bonako le go dira gore a nne a ntse a kgatlhega. Le ka motlha ga re a tshwanela go nyatsa kgono ya rona ya go simolola thuto ya Baebele kana ya go nna setswerere go e tshwara. Go na le moo, re tshwanetse go tswelela re kopa thuso le kaelo tsa ga Jehofa ka thapelo, re tshepa gore o tla re thusa.
6 Re dumela ka tlhomamo gore Jehofa o tla tlhokomela tiro eno go fitlhela e fela. (Bapisa Bafilipi 1:6.) Go mo ikanya ka pelo yotlhe gore ke Mothusi wa rona go a re nonotsha, gore ‘re se ka ra lesa go dira se se molemo.’—Bagal. 6:9.