Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka October: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R38,00 tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi di le thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R19,00. Peeletso ya tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Leka ka natla go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa motho a gana mpho. November: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R3,50. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go boela kwa di tsamaisitsweng gone ka boikaelelo jwa go simolola dithuto tsa magae tsa Baebele. December: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,50. January: Kagiso ya Boammaaruri le Polokesego—O Ka Di Bona Jang? ka moneelo wa R3,50 e le nngwe.
◼ Tsenyeletso ya “Thulaganyo ya 1997 ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo” e e mo kgatisong eno ya Tirelo ya Rona ya Bogosi e tshwanetse ya bolokiwa gore e dirisiwe mo ngwageng otlhe wa 1997.
◼ Diphuthego di ka nna tsa otara temana ya ngwaga ya 1997 jaanong, e e ka bonwang ka R13,00 e le nngwe ka Seburu, Seesemane, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Molato wa tsone o tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka. Diphuthego tse di nang le molato mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse go romela madi le diotara tsa tsone. Go akantshiwa gore diphuthego tsotlhe di pege temana e ntšha ya ngwaga ka January 1, 1997.
◼ Diphuthego di tshwanetse tsa simolola go otara Go Tlhatlhoba Dikwalo ka Malatsi Otlhe—1997 le otara ya tsone e e tlwaelegileng ya dibuka go tloga ka October 1. Dibukana tseno di tla bo di le teng ka Seburu, Sechichewa, Seesemane, Sefora, Segerika, Sejeremane, Sekwanyama, Sentadiana, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setsonga, Setswana, Sevenda, Sexhosa le Sezulu. Dibukana tseno di tla tlhaga e le “Back Ordered” mo tshupamolatong ya phuthego go fitlhela di nna teng le go romelwa. Dibukana tsa Go Tlhatlhoba Dikwalo ke dilwana tsa setoko se se laolwang mme madi a tsone a tla lopiwa mo akhaontong ya dibuka ka moneelo wa R1,80 e le nngwe, e e leng tlhwatlhwa ya baboledi le ya babulatsela. Babulatsela ba ka metlha le ba ba kgethegileng ba ba ileng ba simolola bobulatsela pele ga July 1, 1996 ba ka bona khopi e le nngwe mahala. Diphuthego tse di senang akhaonto le Mokgatlho kana tse di nang le molato mo akhaontong ya tsone ya dibuka di tshwanetse go romela madi le diotara tsa tsone. Go tshwanetse ga tladiwa foromo e nngwe ya Remittance and Credit Request (S-AB-20) e e supang dikhopi tsa mahala tsa babulatsela. Di tshwanetse go otariwa ka phuthego. RE KGOTHALETSA MONGWE LE MONGWE MO LELAPENG, MMOGO LE BANA BA BA KGONANG GO BALA, GORE MONGWE LE MONGWE A NNE LE KHOPI YA GAGWE YA BUKANA ENO.
◼ Molebedi yo o okamelang: Tsweetswee tlhomamisa gore pego ya Kabelo ya Tshimo e e sa Abiwang e tladiwe mme e busetswe kwa Mokgatlhong eseng morago ga November 15, 1996. Gape tlhomamisega gore go dirisitswe setempe se se siameng. Fa go na le maitemogelo mangwe a a tlhomologileng mo letsholong leno la tshimo e e sa abiwang, re tla itumelela go amogela pego eno.
◼ Go tla nna le koketsego ya ditlhwatlhwa ka kakaretso mo ditlhwatlhweng tsa dibuka go tloga ka November 1, 1996. Tsweetswee tlhatlhobang Cost List e re e romeletseng phuthego nngwe le nngwe go bona tshedimosetso e e oketsegileng.
◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Gone:
The New World Society in Action (Poeletso ya filimi ya hisitori e e sa leng e gatisiwa ka 1954 e e nang le setlhogo se se tshwanang; phuthego le batho botlhe: R52,00; babulatsela R45,00)—Seesemane