Meneelo e e Ntshetswang Tiro ya Mokgatlho ya Lefatshe Lotlhe e Thusa mo Kgolong
Jaaka go boleletswe pele mo go Isaia 54:2, 3, kobamelo e e itshekileng ya ga Jehofa e ntse e tswelapele e gola mo lefatsheng lotlhe. Seno se akaretsa mafatshe a a farologaneng a a mo kontinenteng ya Afrika le ditlhaketlhake tse di gaufi. Mo dingwageng tse di lesome tse di fetileng, dithibelo mo tirong ya Bogosi di ne tsa tlosiwa mo mafelong a a jaaka Angola, Cameroon, Equatorial Guinea, Ethiopia, Madagascar, Malawi, Mozambique, le Togo. Mo mafatsheng ano le a mangwe ao masimo a neng a le masweu go ka robiwa mo go one, barongwa ba Gileade, baalogi ba Sekolo sa Thapiso sa Bodiredi, maloko a lelapa la Bethele, le ba bangwe ba ne ba amogela dikabelo tsa bone.—Math. 9:37, 38.
Kwa ntle ga pelaelo, go oketsega ga baobamedi ba boammaaruri mo phuthegong ya ga Jehofa go dira gore go agiwe Diholo tsa Bogosi tse disha tse di makgolokgolo. Gape go ile ga tlhokega gore go rulaganngwe Diholo tsa Dikopano le makala a masha kana a a tlhokang go atolosiwa. Go duelela diporojeke tseno mmogo le go boloka tiro ya Bogosi e tsweletse pele e seng fela mo Afrika mme gape le kwa dikarolong tse dingwe tsa lefatshe go batlile go le gontsi mo meneelong ya tiro ya Mokgatlho ya lefatshe lotlhe.
Dinepe le ditshwantsho tse di mo ditsebeng tse pedi tsa tsenyeletso eno di go bontsha fela seo Mokgatlho o ntseng o leka go se dira mo tshimong ya Afrika. Go bontshiwa dikago dingwe tseo di sa ntseng di agiwa le diporojeke tseo di tla simololang mo nakong e e fa gautshwane. Lekala la Afrika Borwa le ntse le tshwaregile fela thata mo diporojekeng tseno di le mmalwa mo dinageng tse di gaufi le lone.
Fa o leba tšhate ya tirelo ya tshimo mo 1996 Yearbook, o tla kgona go bona sentle seo baboledi mo dinageng tseno ba se dirang mo bodireding. Go nnile le koketsego e e tlhomologileng mo mafatsheng a mantsi, e bile dipalo tse di kwa godimo tsa ba ba nnileng gone mo Segopotsong di bontsha gore go santse go ka nna le kgolo e nngwe. Fa re gakologelwa se se dirwang e le karolo ya go rera ka Bogosi mo lefatsheng lotlhe le tiro ya go dira barutwa mo dikontinenteng tse dingwe, go gatelela mo go rona tshiamelo e re nang le yone ya go tshegetsa kobamelo ya boammaaruri ka dilo tse di bonalang.—Luke 16:9; 1 Tim. 6:18.
[Picture on page 3]
Holo ya Bogosi ya kwa KwaZulu-Natal, mo Afrika Borwa, e e agilweng ka malatsi a le robonngwe
[Picture on page 3]
Holo ya Bogosi e e agilweng kwa Nigeria ka go somarela madi
[Picture on page 3]
Holo ya Dikopano ya kwa Mozambique e e nnisang batho ba le 1500, e tla wediwa fa 1996 a fela
[Picture on page 3]
Dikago tsa lekala la Mozambique, di tla bo di setse di siametse gore batho ba ka nna mo go tsone ka dikgakologo tsa 1996
[Picture on page 3]
Lekala la Sierra Leone, go rulagantswe gore le tla wediwa monongwaga
[Picture on page 4]
Holo ya Dikopano ya kwa Mauritius e e bulegileng mo matlhakoreng otlhe, mmogo le dikago tsa lekala tse di tla wediwang mo tshimologong ya 1997
[Picture on page 4]
Lekala la Zimbabwe le santse le agiwa
[Picture on page 4]
Holo ya Dikopano e e sa rulelwang le lekala le lesha le le santseng le agiwa kwa Senegal
[Picture on page 4]
Lekala le lesha la kwa Kenya, mo motsemogolong wa Nairobi
[Picture on page 4]
Lekala la kwa Madagascar, le le tla wediwang fa gautshwane
[Picture on page 4]
Dikago tsa lekala tse go akanngwang gore di tla agiwa kwa Malawi