Dikitsiso
◼ Dikgatiso tse di tsamaisiwang ka August: Nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,00 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo o Amega ka Rona?, “Bōnañ Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo o Mo Ratang a Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka La Go Bo Botshelo Bo Le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. Fa go tshwanelang gone, go ka tsamaisiwa boroutšhara jwa Meya ya Batho Ba Ba Suleng—A e Ka go Thusa kana E ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela? September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R8,00 e kgolo kana R4,00 e nnye. Diphuthego tse di nang le buka ya Go Dira Botshelo Jwa Lelapa la Gago go Itumedisa mo setokong di ka nna tsa e tsamaisa le yone. October: Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya poso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R38,00 tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi di le thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R19,00. Dipeeletso tsa tlelapa ke R24,00 le R12,00 ka go latelana. Leka ka natla go tsamaisa dikhopi tsa dimakasine fa motho a gana mpho. November: Kitso E E Isang Botshelong Jo bo Sa Khutleng ka moneelo wa R3,50. Go tla dirwa boiteko jo bo kgethegileng go boela kwa di tsamaisitsweng gone, ka boikaelelo jwa go simolola thuto ya Baebele ya legae.
◼ Go tloga ka August 30, 1996, go ya go August 31, 1996, Mokgatlho o tla bala dikgatiso tsotlhe tse di leng teng mo Bethele. Ka ntlha ya go balwa gono ga dikgatiso, ga go na diotara dipe tsa dibuka tsa phuthego tse di tla romelwang kana tse di tla tlang go tsewa mo malatsing ao.
◼ Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tse tharo tsa Literature Inventory (S-AB-18). Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse gore a kopane le motlhanka wa dibuka go sa le gale ka August mme ba tlhome letsatsi le ba tla balang dikgatiso tsotlhe tse di mo setokong sa phuthego kwa bofelong jwa kgwedi. Go tshwanetse ga balwa dikgatiso tsotlhe tse di mo setokong mme palogotlhe ya tsone e bo e kwalwa mo foromong ya Literature Inventory. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng gone e ka bonwa go tswa go motlhanka wa dimakasine. Tsweetswee posetsang foromo e e fa godimo kwa Mokgatlhong e seng morago ga September 6. Ipolokeleng khopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Lo ka nna lwa dirisa khopi ya boraro go balela mo go yone. Mokwaledi o tshwanetse gore a tlhokomele go balwa gono ga dikgatiso, mme foromo e e setseng e tladitswe e tshwanetse ya tlhatlhobiwa ke molebedi yo o okamelang. Mokwaledi le molebedi yo o okamelang ba tla saena foromo.
◼ Dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 1996 di tshwanetse tsa otariwa mme molato wa tsone wa disente di le robedi e le nngwe o tla tsenngwa mo akhaontong ya phuthego ya dibuka. Diphuthego tse di senang akhaonto mo Mokgatlhong kana di o kolota mo akhaontong ya tsone di tshwanetse go romela madi fa di romela diotara tsa tsone. Tsweetswee di otareng ka palo ya selekanyo sa 20 fa go kgonega. Dibetšhe tseno di teng ka Seburu, Seesemane, Sepedi, Sepotokisi, Sesotho, Setswana, Sexhosa le Sezulu. (Tsweetswee elang tlhoko gore tsa Setswana le Sepedi le tsone jaanong di gone e le ka lekgetlho la ntlha.) Dirisang foromo ya Literature Order (S-AB-14) fa lo di otara. Diotara tseno di tshwanetse gore di fitlhe mo Mokgatlhong pele ga November 1, 1996. Morago ga foo ga re na go amogela diotara tsa dibetšhe.
◼ Baboledi ba ba rulaganyang go simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka September 1, 1996, ba tshwanetse go dira kopo kwa ntle ga tiego.
◼ Mokwaledi wa phuthego o tla phutha dipego tsa tirelo gore a di kwale mo foromong ya Congregation Analysis Report (S-AB-10). Mme gape o tla kaela mogolwane kana motlhanka wa bodiredi ope fela ka kelotlhoko yo o ka tswang a thusa go phutha dipego. Seno se tla tlhomamisa gore tshedimosetso e e tlhokegang mo dikarateng tsa Congregation’s Publisher Record (S-21) e tsentswe sentle. Foromo ya Congregation Analysis Report (S-AB-10) e tshwanetse gore e tladiwe sentle le ka bothakga mme e tlhatlhobiwe ka kelotlhoko ke komiti ya tirelo.
◼ Diphuthego di gakololwa gore di otare diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 1997. Diforomo tseno ga di a tshwanela go senngwa; di tshwanetse go dirisediwa boikaelelo jwa tsone fela.