LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 12/95 ts. 5
  • Poeletso ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Poeletso ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 12/95 ts. 5

Poeletso ya Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo

Poeletso ya dibuka di tswetswe ya dintlha tse di ileng tsa ithutiwa mo dikabelong tsa Sekolo sa Bodiredi sa Puso ya Modimo tsa dibeke tsa September 4 go ya go December 18, 1995. Dirisa pampiri e nngwe kwa thoko go kwalela mo go yone dikarabo tsa dipotso tse dintsi ka mo o ka kgonang ka gone mo nakong e e beilweng.

[Ela tlhoko: Ka nako ya fa go kwalwa poeletso eno, ke Baebele fela e e ka dirisiwang go araba potso epe fela. Dikgatiso tse di tlang morago ga dipotso ke tsa fa o dira dipatlisiso wena ka namana. Dinomoro tsa tsebe le tsa serapa di ka nna tsa se tlhagelele mo dikarolong tsotlhe tse o tshwanetseng go di bona tsa Tora ya Tebelo.]

Araba nngwe le nngwe ya dipolelo tse di latelang ka Boammaaruri kana Maaka:

1. Basupi ba ga Jehofa ga ba na moeteledipele ope. [jv-TN ts. 117 ser. 5]

2. Isaia 38:5 e re thusa go tlhaloganya gore fa re lebisa mekokotlelo ya rona kwa go Jehofa ka pelo yotlhe go ka mo dira gore a dire selo se a neng a se kitla a se dira. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 4/1 ts. 15.]

3. Rona batho ba e seng ba sepe ba ba mo lefatsheng, re ka dira gore Mmopi wa lobopo lotlhe a hutsafale kana a itumele. (Isa. 63:10) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w93-TN 6/15 ts. 15.]

4. N. H. Barbour o ne a ipolela gore o dumela mo thekololong, gore Keresete o ne a re swela. O ne a gana kgopolo ya “go emisetsa”—ya gore Keresete o sule mo boemong jwa rona. [jv-TN ts. 131 dir. 2, 3, mokwalo o o kwa tlase]

5. Isaia 53:5, 12 e ne ya bolelela pele gore Jesu Keresete o ne a tla swa go nna setlhabelo sa thekololo se se bipang maleo a ba bangwe. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w92-TN 10/1 ts. 14.]

6. Fa a ntse a ithuta Dikwalo, Russell o ne a lemoga gore Keresete o ne a tlile go boa a sa bonale le gore o ne a tlile go sala a ntse a sa bonale le ka nako ya fa a tla bo a supa gore o teng ka go atlhola batho ba ba bosula. [jv-TN ts. 133 ser. 3]

7. Le mororo Basupi ba ga Jehofa ba sa nne le seabe ka gope mo ditirong tsa sepolotiki, ga ba kgoreletse batho ba bangwe go nna maloko a makoko a dipolotiki, go nna bontlhopheng kana go bouta mo ditlhophong. [uw-TN ts. 166 ser. 12]

8. Batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba pele ga nako ya ga Keresete ba ne ba sa itse sepe kaga lefatshe le lesha le re le solofetseng. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w95-TN 2/15 ts. 11.]

9. Kurose o ne a nna “motlodiwa” wa ga Jehofa le mororo go sena bosupi jwa gore o ne a tlodiwa ka lookwane lwa mmatota. (Isa. 45:1) [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w92-TN 11/15 ts. 30.]

10. Gore Bakeresete ba direle Modimo ba ineetse ka botlalo, ba tshwanetse go itse nako le letsatsi le Jehofa a tla nyeletsang tsamaiso ya selefatshe ya ga Satane ka lone. [uw-TN ts. 176 ser. 2]

Araba dipotso tse di latelang:

11. Mokeresete o tshwanetse go bua leng le ngaka ya gagwe kaga tshwetso ya gagwe ya go ikeha mo mading? [uw-TN ts. 158 ser. 9]

12. Jesu e ne e se wa lefatshe ka tsela efe? [uw-TN ts. 161 ser. 2]

13. Go bua Lefoko la Modimo ka bopelokgale ga go kaye eng? [uw-TN ts. 175 ser. 13]

14. Ke mang yo tota e leng “Iseraele wa Modimo,” e bile o ne wa lemogiwa ka ngwaga ofe? (Bagal. 6:16) [jv-TN ts. 141 dir. 2, 3]

15. Ke molaomotheo ofe o o neng wa tlhaloganngwa sentle bogologolo ka 1962 o o neng wa phepafatsa tsela e re tlhaloganyang kgang ya go ikobela “babusi ba bagolo” ka yone? (Bar. 13:1-7) [jv-TN ts. 147 ser. 3]

16. Le mororo ka 1931 go ne go itsege gore re Bakeresete e bile re bidiwa Baithuti ba Baebele, ke eng fa go ne go tlhokega gore re nne le leina le le re tlhaolang la Basupi ba ga Jehofa? [jv-TN ts. 151 ser. 1, 2]

17. Ke selo sefe se se dumelwang ka lefatshe le se se buiwang mo go Mathaio 5:5 se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba farologane le Labokeresete yotlhe? [jv-TN ts. 161 ser. 3]

18. Ke dibuka dife tsa Efangele le dikgaolo tsa tsone tse di re neelang tshedimosetso kaga sesupo se se dikarolo dintsi se se supang “bokhutlo jwa lefatshe”? [uw-TN ts. 178 ser. 5]

19. Ke eng fa leina Basupi ba ga Jehofa e se leina fela le le senang bokao? [jv-TN ts. 158 ser. 4]

20. Ke eng se se dirang gore Basupi ba ga Jehofa ba se ka ba farologana ka megopolo malebana le tsela e ba lebang boaka, kgokafalo kana bosodoma ka yone? [jv-TN ts. 173 ser. 1, ts. 174 ser. 3]

Tsenya lefoko kana polelwana e e tlhokegang go feleletsa polelo nngwe le nngwe mo go tse di latelang:

21. Fa Mokeresete a robadiwa kwa kokelong o tshwanetse go kopa ka ․․․․․․․ gore go se dirisiwe madi ka gope, e bile ene ka namana o tshwanetse go ․․․․․․․ ka gone le ngaka e e tla bong e mo alafa. [uw-TN ts. 158 ser. 9]

22. Ditsela tse pedi tse re supang ka tsone gore re ikaega ka Jehofa ke go nna gone ka metlha mo ․․․․․․․ le go ya go ene ka metlha ka ․․․․․․․. [uw-TN dits. 170-1 dir. 5-7]

23. Go tloga ka 1976 go ya go 1992, badiri ba baithaopi ba ․․․․․․․ ba ile ba thusa go aga dikago tse disha tsa ․․․․․․․ mo dinageng tse di ka nnang 60, go ne ga tlhongwa ․․․․․․․ tse disha di feta 29 000 mo lefatsheng lotlhe, mme mokgatlho o ne wa oketsega go ․․․․․․․ mme palo ya baboledi ba Bogosi e ne ya feta 4 470 000. [jv-TN ts. 114 ser. 3, ts. 115 ser. 3, le ts. 117 ser. 3]

24. Ka June 1882, Zion’s Watch Tower e ne ya bolela gore ․․․․․․․ le ․․․․․․․ ke batho ba ․․․․․․․, ga se motho a le mongwe, ba bangwe fela ka tlhaloganyo ya gore ba a ․․․․․․․, le gore moya ga se ․․․․․․․ fela jaaka moya wa lefatshe e se motho. [jv-TN ts. 123 ser. 4]

25. Ka June 22, 1977, dibeke di le pedi morago ga loso lwa ga Mokaulengwe Knorr, ․․․․․․․ o ne a nna poresidente wa Mokgatlho wa Watch Tower. [jv-TN ts. 109 ser. 4]

Tlhopha karabo e e siameng mo go nngwe le nngwe ya dipolelwana tse di latelang:

26. Bakeresete ba bogologolo ba ne ba tsewa e le batho ba ba sa rateng batho ka gonne ba ne (ba sa bue le batho ba ba sa dumeleng; ba sa obamele ditshwantsho; ba bifela boitlosobodutu jwa thubakanyo le jwa boitsholo jo bo sa siamang). [uw-TN ts. 163 ser. 7]

27. Mo setshwantshong sa ga Jesu se se mo go Mathaio 13:36-43, mabele a emela (banna ba ba ikanyegang ba bogologolo; boidiidi jo bogolo; Bakeresete ba ba tloditsweng), fa mofoka one o emela (batho botlhe ba ba sa dumeleng; Bakeresete ba maaka; bakwadi le Bafarasai). [uw-TN ts. 179 ser. 7]

28. Boikaelelo jo bogolo jwa Modimo ke go (boloka batho; nyeletsa Diabolo; tlotlomatsa bolaodi jwa gagwe). [jv-TN ts. 167 ser. 1]

29. Phetogo e e neng ya dirwa mo thulaganyong ya mokgatlho e ne ya nna gore go tloga ka October 1, 1972, go tshwanetse ga tlhophiwa (molebedi; motlhanka wa phuthego; setlhopha sa bagolwane) go tlhokomela phuthego nngwe le nngwe. [jv-TN ts. 106 ser. 2]

30. Re na le polelo e e feletseng ya botshelo jwa ga Jeremia go feta ya fa e le ope fela wa baperofeti ba bangwe ba bogologolo kwantle ga (Daniele; Isaia; Moshe). [si-TN ts. 124 ser. 5]

Lebaganya dikwalo tse di latelang le dintlha tse di tlhomagantsweng fa tlase:

Lefi. 17:11, 12; Isa. 43:10; Jer. 7:31; Joh. 10:16; Dit. 4:13

31. Ga se gore fa motho a rutegile go sekae fela ga a kake a nna mmoledi yo o pelokgale wa mafoko a a molemo. [uw-TN ts. 172 ser. 8]

32. Tsela e le nngwe fela ya Dikwalo e madi a ka dirisiwang ka yone e gatelela tsela e a leng boitshepo ka yone le go lemotsha kafa setlhabelo sa ga Keresete se leng botlhokwa ka teng. [uw-TN ts. 159 ser. 11]

33. Setlhopha sa batlodiwa ga se gaisane le sa boidiidi jo bogolo, e bile ga go na lebaka lepe la gore se sengwe se ikutlwe se le kwa godimo kana kwa tlase ga se sengwe e le fela ka ntlha ya tsholofelo e se nang le yone kana maemo. [jv-TN ts. 171 ser. 2]

34. Ga go na yo o nnileng teng pele ga Jehofa; ga go na modimo ope o o nnileng gone pele ga gagwe e bile ga go kitla go nna le ope morago ga gagwe ka gonne o ntse ka bosaenkae, ke Molaodi yo Mogolo. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w92-TN 1/15 ts. 22.]

35. Batsadi ba le bantsi gompieno ba ka se ka ba bo ba akanya go ntshetsa medimo ya disetwa ditlhabelo ka bana ba bone, lefa go ntse jalo dimilionemilione tsa masea di bolawa ka boomo ka tsela ya go senya mpa e bile dimilionemilione tsa basha di ntshitswe ditlhabelo ka go romelwa kwa ntweng. [Mmalo wa Baebele wa beke le beke; bona w88-TN 1/15 ts. 31.]

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela