LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/95 ts. 7
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 8/95 ts. 7

Dikitsiso

◼ Dikgatiso tse di tla dirisiwang ka August: Nngwe le nngwe ya diboroutšhara tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa R1,00 e le nngwe: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Fa Mongwe Yo O Mo Ratang A Tlhokafala, Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri le Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise. September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo o o kgethegileng wa tlhwatlhwa e e kwa tlase ya R8,00. Dibuka tse dipotlana ke R4,00. (Moneelo wa madi a a fokoditsweng ano mo bukeng ya Tshelela Ruri o tla nna jalo mo dikgweding tsootharo tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang.) October: Peeletso e e tlang ka poso ya ngwaga ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R33,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga mo dikgatisong tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi tse thataro mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R16,50. Peeletso ya tlelapa ke R19,00 mme e nngwe ke R9,50. November: Tsamaisa buka ya Matsapa a a Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R5,30.

◼ Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tse tharo tsa Literature Inventory (S-AB-18). Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse gore a kopane le motlhanka wa dibuka go sa le gale ka August mme ba tlhome letsatsi le ba tla balang dikgatiso tsotlhe tse di mo setokong sa phuthego kwa bofelong jwa kgwedi. Go tshwanetse ga balwa dikgatiso tsotlhe tse di mo setokong mme palogotlhe ya tsone e bo e kwalwa mo foromong ya Literature Inventory. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng gone e ka bonwa go tswa go motlhanka wa dimakasine. Tsweetswee posetsang foromo e e fa godimo kwa Mokgatlhong e seng morago ga September 6. Ipolokeleng khopi ya khabone mo difaeleng tsa lona. Lo ka nna lwa dirisa khopi ya boraro go balela mo go yone. Mokwaledi ke ene a tshwanetseng gore a tlhokomele go balwa gono ga dikgatiso mme foromo e e setseng e tladitswe e tshwanetse ya tlhatlhobiwa ke molebedi yo o okamelang. Foromo e tla saeniwa ke mokwaledi le molebedi yo o okamelang.

◼ Mokwaledi wa phuthego o tla phutha dipego tsa tirelo gore a di kwale mo foromong ya Congregation Analysis Report (S-10). Mme gape o tla kaela mogolwane kana motlhanka wa bodiredi ope fela yo o ka tswang a thusa go phutha dipego. Seno se tla tlhomamisa gore tshedimosetso e e tlhokegang mo dikarateng tsa Congregation’s Publisher Record (S-21) e kgaoganngwe sentle. Foromo ya Congregation Analysis Report (S-10) e tshwanetse gore e tladiwe sentle le ka bothakga mme e tlhatlhobiwe ka kelotlhoko ke komiti ya tirelo.

◼ Ka August 25 le 26 Mokgatlho o tla bala dikgatiso tsotlhe tse di leng teng mo Bethele. Ka ntlha ya go balwa gono ga dikgatiso, ga go na diotara dipe tsa dibuka tsa phuthego tse di tla romelwang kana tse di tla tlang go tsewa mo malatsing ao.

◼ Re itumelela go lo itsise gore 1995 Yearbook of Jehovah’s Witnesses ya Sezulu e gorogile. Re na le dikhopi di sekae mo setokong tse di ka bonwang ke batho ba ba santseng ba di batla.

◼ Dikgatiso Tse Disha Tse di Leng Gone:

Watch Tower Publications Index 1991-1994 (phuthego le batho botlhe: R5,60; babulatsela: R3,70)—Seesemane

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela