LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 5/95 ts. 3
  • Le Wena o ka Nna le Maitemogelo a a Itumedisang!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Le Wena o ka Nna le Maitemogelo a a Itumedisang!
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Ke Eng fa o Boloka Rekoto ya Matlo A a Se Nang Batho?
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Maeto a go Boela a re Thusa go Simolola Dithuto Tsa Baebele
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2003
  • Nna Pelokgale go Dira Maeto a go Boela
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1997
  • Thuso ya ka Nako Eo E Tlhokwang ka Yone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1995
km 5/95 ts. 3

Le Wena o ka Nna le Maitemogelo a a Itumedisang!

Go bonala fa baboledi bangwe ka metlha ba nna le maitemogelo a a kgatlhang, a a kgothatsang a ba ka buang ka one a a malebana le loeto kana loeto lwa go boela lo lo kgatlhang le le ileng la ba itumedisa thata. Gantsi maitemogelo a a itumedisang ga a itlele fela ka boone. Bontsi jwa one a nna teng ka ntlha ya maiteko a magolo le a a sa kgaotseng. Ga se baboledi ba e leng dikgeleke tsa puo fela kana ba ba nang le bokgoni jo bo oketsegileng ba ba nnang le maitemogelo.

Dingwe tsa dilo tse go tlhokometsweng gore batho ba ba atlegang thata ba a di dira ke tseno: (1) Ba nna le seabe mo tirelong ya tshimo ka metlha, gantsi ba dira jalo ka makgetlho a mmalwa mo bekeng, e leng sone selo se se dirang gore ba nne le ditshono tse dintsi tsa gore ba kopane le batho ba ba kgatlhegang; (2) ba boloka boikutlo jo bo tshwanetseng ka beng ba matlo, ba sa swetse go sa le gale gore ga ba kitla ba reetsa; (3) ba botsalano fa ba bua le batho, ba supa lorato, le gore ba bontsha kgatlhego ya mmatota mo bathong ba ba reetsang; (4) ba dira maeto a go boela le go boela kwa go bao ba neng ba seyo kwa gae ka tlhoafalo e bile ba dira jalo ka metlha; mme (5) mokgele wa bone ke go simolola dithuto tsa Baebele.

Gongwe fa o sena go tlhatlhoba tirelo ya gago, o ka nna wa bona ka moo le wena o ka kgonang ka teng go nna le maitemogelo a a itumedisang a a dirang gore bodiredi bo nne le matswela le gore bo kgotsofatse thata jaana.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela