LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 10/94 ts. 12
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1990
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 10/94 ts. 12

Dikgang Tsa Puso ya Modimo

Afrika Borwa: Diphuthego tse tlhano di ile tsa itumelela go kgakolwa ga Diholo tsa tsone tsa Bogosi tse disha. Ke tsa kwa Piet Retief kwa borwa jwa Teransefala, Ndwedwe North kwa Natala, Heilbron kwa Foreisetata, Pankop kwa bokone jwa Pretoria, le Cape Town Central.

Ka September 4 go ne ga aloga baithuti ba bangwe ba le 11 ba ba tswang mo Afrika Borwa le mo dinageng tse di bapileng ba ba ileng ba aloga mo Sekolong sa Thapiso sa Bodihedi kwa Zambia. Kwa bofelong jwa monongwaga go tla bo go setse go alogile baithuti ba le 29 ba ba tswang mo tshimong ya rona fa e sale sekolo seno se simologa ka October 1993.

Botswana: Komiti ya Kago ya Kgaolo ya kwa Pietersburg e ne ya ya go dira tiro ya go aga ka bofefo kgakala kwa Francistown, kwa Botswana. Go ne ga agiwa Holo ya Bogosi kwa legaeng la barongwa koo. Bakaulengwe ba ba leng mo Komiting ya Kago ya Kgaolo ya kwa Botswana ba ne ba thusa baithaopi ba ba tswang kwa kgaolong ya Pietersburg. Holo eo e tla kgakolwa mo masimologong a October.

Swaziland: Go ne ga agiwa Holo ya Bogosi kwa Mbabane, e e leng moshate wa Swaziland. Holo eno ke ya ntlha mo toropong eo mme go na le diphuthego di le pedi tse di e dirisang. Tiro eno ya go aga ka bofefo e ne ya dirwa ke Komiti ya Kago ya Kgaolo ya Lejeleputswa, mme bakaulengwe ba kwa Swaziland ba ne ba thusa. Badiri Ba Ba Ithaopelang Go Aga Diholo tsa Bogosi ba ba tswang mo tikologong ya Gauteng le kwa Pretoria ba ne ba kopana kwa Mbabane mme ba fetsa kago ya dipota le marulelo ka matsatsi a sekae fela. Go agilwe Holo ya Bogosi e nngwe gape kwa Manzini, e leng toropo e nngwe gape e kgolo ya kwa Swaziland.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela