Eno ke Yone Nako
1 Fa moaposetoloi Paulo a ne a kwalela Bakorintha lokwalo lwa gagwe lwa bobedi, o ne a ba gakolola gore ba ne ba ikaeletse go dira tiro e e molemo ya go namola badumedikabone kwa Jerusalema. Lefa go ntse jalo, go ne go setse go fetile ngwaga, mme ba ne ba ise ba fetse tiro e ba neng ba e simolotse. Ka jalo o ne a ba kgothatsa a re: “Tswelelang pele lo fetse: tlhoafalelang go fetsa thulaganyo fela jaaka lo ne lwa dira fa lo e simolola.”—2 Bakor. 8:11, The New English Bible.
2 Ka nako nngwe, rotlhe re kile ra bo re ipeetse mekgele. Re ka tswa re ile ra swetsa ka gore re oketse seabe sa rona mo bodiheding jwa tshimo, go itse bakaulengwe ba rona botoka, go dira gore re tshwanelegele tshiamelo nngwe ya tirelo, kana go fenya bokoa bongwe. Le mororo re ka tswa re ne re ikaeletse go dira se se molemo, gongwe ga re a ka ra tswelela pele go fitlhelela mokgele wa rona. Pele ga re ka lemoga, go ka tswa go fetile dibeke, dikgwedi, kana le e leng dingwaga re sa dire botswelelo pele. A gongwe re tshwanetse gore re dirise kgakololo ya gore re “tswelele pele re fetse” se re se simolotseng?
3 Go Fitlhelela Mekgele ya Rona: Re ka nna ra ikaelela go dira sengwe mme go le thata go dira tota kafa re ikaeletseng ka teng. Go senya nako go ka dira gore motho a se ka a tswelela. Re tshwanetse gore re dire tshwetso mme morago ga foo re bo re gatela pele kwantle ga go diega. Go botlhokwa gore motho ka namana a nne le thulaganyo. Go botlhokwa gore motho a beele nako kwa thoko go dira tiro e e rileng le go tlhomamisa gore nako eo e dirisediwa yone tiro eo. Go molemo gore o ipeele nako ya go fetsa sengwe mme o bo o itoma molomo gore o se dire ka yone nako eo.
4 Fa go nna thata gore re fitlhelele mekgele ya rona, go motlhofo go akanya o re: ‘Ke tla se dira moragonyana.’ Mme lefa go ntse jalo ga re itse se se tla diragalang mo isagweng. Diane 27:1 e bolela jaana: “O se ka wa ipelafatsa ka ga ka moso, gonne ga o itse se letsatsi le tlaa se ntshang.” Morutwa Jakobe o ne a tlhagisa batho gore ba se ka ba ikanya isagwe thata ka go bo ‘ba sa itse se se tlaa dira[g]alang ka moso. . . . Yo o itseng go dira molemo, mme a sa o dire, ke boleo mo go ene.’—Jak. 4:13-17.
5 Ka ntlha ya dikgoreletsi tse dintsi le dilo tse batho ba bangwe ba batlang gore re ba di direle, go ka nna motlhofo gore re se ka ra fitlhelela mekgele ya rona. Go tlhokega gore re dire boiteko jwa gore re nne re e gakologelwe. Go tla re thusa fa re ka rapelela kgang eno. Fa re kopa batho ba re ba tlwaetseng thata gore ba re gakolole le go re kgothatsa go tla re thusa thata. Fa re tshwaya mo dikhalentareng tsa rona go tla re thusa go tlhatlhoba botswelelo pele jwa rona. Motho o tshwanetse gore a ititeye sehuba gore o tla ‘dira fela kafa a ikaeletseng go dira mo pelong ya gagwe.’—2 Bakor. 9:7.
6 Kgwedi ya October e tla re fa sebaka se se molemo sa gore re tlhome megopolo ya rona mo mekgeleng ya rona. Re tla bo re tsamaisa dipeeletso tsa Tora ya Tebelo le Tsogang! A re ka kgona go ipeela mekgele e re ka kgonang go e fitlhelela? A re ka leka go oketsa dimakasine tse re di tsamaisang? Go dira tshwetso ya go dira maeto a go boela a a oketsegileng le go simolola dithuto tse disha tsa Baebele e ka nna mekgele e batho ba le bantsi ba ka kgonang go e fitlhelela.
7 Ga go botlhale go beela dilo tse di botlhokwa kwa thoko, ka gonne ‘lefatshe leno le a feta.’ (1 Joh. 2:17) Go na le ditshiamelo le masego a a kgethegileng a re ka a bonang gone jaanong mo tirelong ya ga Jehofa. Go ikaegile ka rona gore a re tla di dirisa.