Dikgang Tsa Puso ya Modimo
Afrika Borwa: Batho ba le 476 ba ne ba nna gone fa go kgakolwa Holo ya Bogosi ya Tsakane South, gaufi le Nigel. Go na le diphuthego tse tharo tse di dirisang holo eno. Phuthego ya Kwa-Dwesi kwa Port Elizabeth le yone e ne ya itumelela go kgakolwa ga Holo ya yone ya Bogosi e e agilweng ka bofefo ka June 25, 1994.
Re akgola Badiri botlhe Ba Ba Ithaopang Go Aga Diholo tsa Bogosi go bo ba intsha setlhabelo ka go dira maiteko a go thusa mo tirong ya go aga Diholo tsa Bogosi. Diphuthego tse di agang diholo tse disha di kgothalediwa go dira ka natla mme fa go ka kgonega di di fetse le go di kgakola mo bofelong jwa ngwaga eno.