LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 8/94 ts. 3
  • Dikitsiso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikitsiso
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 8/94 ts. 3

Dikitsiso

◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka August: Go ka nna ga dirisiwa diboroutšhara dipe fela mo go tse di latelang tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa disente di le 90 e le nngwe: A o Tshwanetse Wa Dumela Tharo-nngwe, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bonañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang?, Leina la Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise. September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ke R4,50. October: Dipeeletso tse di tlang ka poso tsa Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R30,00 mo dikgatisong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga otlhe e e tswang gangwe ka kgwedi kana dipeeletso tsa kgwedi tse thataro tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R15,00. Dipeeletso tsa Tlelapa ke R19,00 mme tse dingwe ke R9,50. November: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,00.

◼ Phuthego nngwe le nngwe e tla amogela diforomo tsa Literature Inventory (S-AB-18). Mokwaledi wa phuthego o tshwanetse go kopana le motlhanka wa dimakasine go sa le gale ka August mme ba tlhome letlha le ba tla dirang lenaane la dibuka tse di leng mo setokong sa phuthego mo bofelong jwa kgwedi. Go tshwanetse ga balwa dibuka tsotlhe tse di leng mo setokong, mme palo ya tsone e kwalwe mo foromong ya Literature Inventory. Palogotlhe ya dimakasine tse di leng teng e ka nna ya bonwa mo motlhankeng wa dimakasine. Tsweetswee romelang foromo ya ntlha kwa Mokgatlhong e seng morago ga September 6. Bolokang kopi e nngwe e go kwaletsweng mo go yone mo difaeleng. Kopi ya boraro e ka nna ya dirisediwa go berekela mo go yone. Tiro eno ya go dira lenaane e tshwanetse go okamelwa ke mokwaledi, mme molebedi yo o okamelang o tshwanetse go tlhatlhoba foromo e e setseng e feditswe go tladiwa. Foromo e tla saeniwa ke mokwaledi le molebedi yo o okamelang.

◼ Baboledi ba ba batlang go simolola tirelo ya bobulatsela jwa ka metlha ka September 1, 1994, ba tshwanetse go ikwadisa kwa ntle ga go diega.

◼ Mokwaledi wa phuthego o tla phutha dipego tsa tirelo gore di tsenngwe mo foromong ya Congregation Analysis Report (S-10). Gape o tla kaela ka kelotlhoko mogolwane kana motlhanka wa bodihedi ope fela yo o ka tswang a thusa go phutha dipego. Seno se tla tlhomamisa gore tshedimosetso e e tlhokegang go tswa mo dikarateng tsa Congregation’s Publisher’s Record (S-21) e kwalwe sentle ka maatlametlo. Foromo ya Congregation Analysis Report (S-10) e tshwanetse ya tladiwa sentle le ka bothakga mme e sekasekiwe ka kelotlhoko ke komiti ya tirelo.

◼ Dibetšhe tsa kopano ya kgaolo ya 1994 di tshwanetse gore di otariwe mme molato wa tsone wa disente di le supa e le nngwe o tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka tsa phuthego. Diphuthego tse di senang akhaonto mo Mokgatlhong kana di na le sekoloto, di tshwanetse go romela madi fa di romela otara ya tsone. Tsweetswee otarang dipalo tsa selekanyo sa tse 20 fa go ka kgonega. Dibetšhe di teng ka Seburu, Seesemane, Sepotokisi, Sesotho, Sexhosa, le Sezulu. Tsweetswee dirisang foromo ya Literature Order (S-AB-14) fa lo otara. Diotara tseno di tshwanetse go fitlha mo Mokgatlhong pele ga November 1, 1994. Morago ga foo re ka se tlhole re amogela diotara tsa dibetšhe.

◼ Diphuthego di gakololwa gore di otare diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 1995. Diforomo tseno ga di a tshwanela go senngwa; di tshwanetse tsa dirisediwa tiro ya tsone fela.

◼ Ka August 26 le 27 Mokgatlho o tla bo o bala dibuka tsotlhe tse di leng teng mo Bethele. Ka ntlha ya go balwa gono ga dibuka, ga go na dikopo dipe tsa dibuka tsa phuthego tse di tla romelwang kana tse di tla tsewang ka matsatsi ao.

◼ Dikhasete tse disha Tse di Gone:

Seesemane: The Greatest Man Who Ever Lived (sete ya dikhasete di le robedi mo alebamong; phuthego le batho botlhe: R57,00; babulatsela: R47,00). Sesotho: Kingdom Songs No. 2 (phuthego le batho botlhe: R7,50; babulatsela: R6,50).

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela