LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 6/94 ts. 3
  • Dipokano Tse di Mosola Tsa Tirelo ya Tshimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dipokano Tse di Mosola Tsa Tirelo ya Tshimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo Tse di Diragatsang Boikaelelo Jwa Tsone
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2015
  • Solegelwa Molemo ka Botlalo ke Dipokano Tsa Tirelo ya Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2006
  • Karolo 3—Lefelo la Bodihedi Jwa Tshimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1991
  • Lebokoso la Dipotso
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1994
km 6/94 ts. 3

Dipokano Tse di Mosola Tsa Tirelo ya Tshimo

1 Mo go Luke 10:1-11, go na le pego ya pokano e Jesu a neng a e tshwara le barutwa ba ba 70 ba ba neng ba sa tswa go rongwa, go ba thusa go ipaakanyetsa tirelo ya tshimo. O ne a ba kaela ka ditsela tse di kgethegileng go ba thusa gore ba rulaganye sentle, le go baakanya se ba neng ba ile go se bua, le kafa ba neng ba tshwanetse go dira ka teng mo maemong a a bokete. Re ka ithuta sengwe fa re sekaseka pego eno.

2 Go bonala gore barutwa botlhe ba ba 70 ba ne ba le teng mo pokanong eno le Jesu. Go senngwa nako e ntsi mo dipokanong tsa tirelo fa batho bangwe ba tla morago ga nako ka metlha. Go goroga ga bone morago ga nako gantsi go baka gore ditlhopha tsa dikoloi mmogo le dikabelo tsa tshimo di rulaganngwe sesha. Seno gantsi se dira gore setlhopha sotlhe se siiwe ke nako. Rotlhe re ka dira seabe sa rona ka go goroga ka nako e bile re siametse go ya kwa tshimong ka bonako.

3 Jesu o ne a naya setlhopha seo setlhogo se se kgethegileng gore ba bue ka sone, eleng, “Bogosi yoa Modimo.” (Luke 10:9) Re laetswe gore re rere molaetsa one oo, e bile gantsi re itumelela dikakantsho tse di mosola tsa se re tshwanetseng go se bua. Motshwari a ka nna a lebisa mo bukeng ya Go Fetolana, e e nang le matseno a a farologaneng a a fetang 40 le ditemana tsa Dikwalo tse di maleba tse di ka dirisiwang mo maemong a a farologaneng. Re ka kgona go akanya ka se re ka se buang fa re boeletsa motlotlo o le mongwe kana e le mebedi, ka jalo re dira gore re kgone go itshepa fa re tsena kwa matlong.

4 Jesu ga a ka a bolelela barutwa ba gagwe fela gore ba reng mme o ne a ba bolelela le gore ba bue ka tsela efe. (Luke 10:5, 6) Dipontsho tse di dirwang mo Pokanong ya Tirelo di re bontsha kafa re ka buang ka teng ka tsela e e ka solegelang batho molemo. Motshwari a ka nna a boeletsa se se neng sa buiwa kwa pokanong e e fetileng mme a akantsha gore se ka dirisiwa jang mo tirelong mo letsatsing leo. Pontsho e khutshwane e e bonolo e e baakantsweng sentle go dirisiwa Lokwalo e ka re thusa gore re gakologelwe le go bua se re se gakologelwang.

5 Jesu gape o ne a laela barutwa ba gagwe ka boitsholo jwa bone ka namana. (Luke 10:7, 8) Motshwari le ene a ka re kaela ka tlhamalalo go re thusa go tila sepe fela se se ka nnang sa senya tiro ya rona. A ka nna a re tlhagisa ka go kgobokana mo sekhutlong sa mmila kana go senya nako re ganetsana le baganetsi. A ka nna a re gakolola gore re kwale rekoto ya ntlo le ntlo sentle. Batsadi ba ka nna ba tlhoka go gakololwa ka go tlhokomela bana ba bone thata.

6 Barutwa ba ba 70 ba ne ba dira go ya kafa Jesu a neng a ba laetse ka teng mme moragonyana ba ne ba “boea ka boitumèlō.” (Luke 10:17) Fa re latela kaelo e re e newang mo dipokanong tsa tirelo, le rona re ka lebelela go itumela ka mo go oketsegileng fa re ntse re rera molaetsa wa Bogosi.—Dit. 13:48, 49, 52.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela