Dikitsiso
◼ Dibuka tse di tla dirisiwang ka June: Bibela—A Ke Lefoko la Modimo Kana Ke la Batho? ka moneelo wa R3,00. July: Dibukana dipe fela di le tharo tsa ditsebe tse 32 tse di leng teng mo setokong ka moneelo wa disente di le 90. Fa phuthego e sena dibukana dipe, go ka dirisiwa boroutšhara bongwe jo bo tshwanetseng mo boemong jwa tsone. Go se ka ga otoriwa dibukana tsa ditsebe tse 32 kwa Mokgatlhong gonne ga di yo, mme diphuthego di tshwanetse go dirisa dibukana tse di nang le tsone. August: Go ka dirisiwa nngwe le nngwe ya diboroutšhara tseno tsa ditsebe tse 32 ka moneelo wa disente tse 90 nngwe le nngwe: “A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega Ka Rona?, “Bonañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Lebaka la Go Bo Botshelo Bo le Gone Ke Lefe—O Ka Le Bona Jang? Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri, le Puso Eo e Tla Tlisang Paradaise, September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ke R4,50.
◼ Go simolola ka October 3, 1994, go tlile go ithutiwa buka ya Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! mo Thutong ya Buka ya Phuthego.
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhophilweng ke ene o tshwanetse go tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka June 1 kana ka bonako fela morago ga foo. Itsiseng phuthego fa lo sena go dira seno.
◼ Go balebedi ba ba okamelang: Re lo kopa gore lo romelele Mokgatlho maitemogelo ape fela a a tlhomologileng a phuthego ya lona e nnileng le one mo ngwageng ono, go akaretsa le maitemogelo a tirelo ya babulatsela ba ba thusang kana Letsatsi la Dimakasine le le kgethegileng, la April 9, 1994. Re batla go tlhopha a a gaisang thata mo tshimong ya rona gore a tsenngwe mo pegong ya ngwaga le ngwaga. Tsweetswee a romeleng e seng morago ga July 1, 1994.
◼ Re santse re na le dibukana tse dintsi tsa Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1994 ka dipuo tse di latelang: Seesemane, Sesotho, Se-Xhosa, le Se-Zulu.
◼ Go tloga ka June 1, ditlhwatlhwa tsa dipeeletso tsa Tora ya Tebelo kana Tsogang! di tlile go nna R30,00 mo go tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe ya tse di tswang gangwe ka kgwedi kana peeletso ya dikgwedi tse thataro ya tse di tswang gabedi ka kgwedi e tlile go nna R15,00. Tlhwatlhwa ya dipeeletso tsa Tlelapa e tlile go nna kwa tlasenyana. Tsweetswee tlholang lekwalo la rona la March 21, 1994 go bona dintlha tse di oketsegileng.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Gone:
Seesemane: Why Should We Worship God in Love and Truth? (Boroutšhara jwa ditsebe tse 32 jo bo kwaletsweng Bahindu; phuthego le batho botlhe: disente tse 90; babulatsela: disente tse 60).
◼ Dikhasete Tse Disha Tsa Bidio Tse Di Gone:
Seesemane: The Bible—Mankind’s Oldest Modern Book (phuthego le batho botlhe: R45,00; babulatsela: R40,00).