A o Dirisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka Botlalo?
1 “Go a nkgakgamatsa ka metlha go bona ditlhogo tse dintsi tse di molemo le tse di kgatlhang—bontsi jwa tsone e le tse di sa bueng ka bodumedi e bile di ja madi a a kwa tlase jaana. Le mororo ke sena nako e e kalo, gantsi ke ne ke a tle ke ikhutaganye mo kamoreng ya me ya bonno ke bala dimakasine tsa lona ka lobone lwa lampa. Ke boa ke lo leboga gape ka ntlha ya maiteko a lona.” Ke ngaka nngwe ya tsa kalafi wa kwa Jeremane Bophirima yo o neng a leboga jaana a anaanela dimakasine tsa rona tse di mo nakong. Re ka nna ra ipotsa jaana: Ke anaanela makasine wa Tora ya Tebelo le Tsogang! go le kana kang? Ke dira eng gore di tle di fitlhe kwa magaeng a batho ba ba leng mo tshimong ya rona?
2 Bosheng jaana re ile ra ithuta ka setlhogo se se reng “Tora ya Tebelo le Tsogang!—Makwalopaka A Rona A Boammaaruri A A mo Nakong” go Tora ya Tebelo ya January 1, 1994. Go setse go fetile dikgwedi tse di ka nnang tharo. A o ile wa dirisa dikakantsho tse di molemo tse di neng tsa neelwa mo go yone, mme jalo o oketsa selekanyo sa dimakasine tse o di tsamaisang? Palo e e begiwang ke lekala ya dimakasine tse di tsamaisiwang e ile ya wela kwa tlase mo dingwageng di le mmalwa. Baboledi ba tsamaisa palogare ya dimakasine di le 4 ka kgwedi, babulatsela ba ba thusang di le 15, mme babulatsela ba ka metlha tse di ka nnang 18.
3 Mo diphuthegong tse dingwe baboledi mmogo le basha ba bantsi, ba nna le seabe mo tirong ya dimakasine ka Laboraro maitseboa. Mo mafelong a mangwe dilo di ile tsa tsamaya sentle ka Labotlhano thapama ka gore ka nako eo baboledi ba ba tsenang sekolo ba kgona go nna le seabe mo tirong eno. E re ka bakaulengwe ba rona ba bantsi ba bona mafelobeke e le nako e ntle e ba ka nnang le seabe mo tirong ya dimakasine, re ile ra kgothadiwa gore re beele Bomatlhatso ba ba rileng kwa thoko go dira seno. Tsamaisa dimakasine ka ntlo le ntlo, mo mmileng, mo mabenkeleng, le ka tselana ya dimakasine. Re batla go kgothatsa botlhe gore ba nne le seabe se segolo mo go tsamaiseng makwalopaka ano a rona ka ntlo le ntlo ka gore a re bulele tsela ya go dira maeto a go boela le go tshwara dithuto tsa Bibela.
4 Bagolwane ba phuthego ya lona ba tla lo itsise ka dithulaganyo tse di dirilweng tsa go neela bosupi ka dimakasine, fa e le gore ga ba ise ba dire jalo. Bagolwane le batlhanka ba bodihedi ba tshwanetse go etelela pele go neela bosupi ka dimakasine. A o tla tshegetsa dithulaganyo tseno ka botlalo? Go tweng ka lona basha mo phuthegong? Tiro ya dimakasine ka metlha e nnile selo se se kgethegileng thata mo baboleding ba rona ba basha. Re ka oketsa jang seabe sa rona sa go tsamaisa dimakasine?
5 Tora ya Tebelo e ne ya kaya dikgato di le nne. (1) Akanya ka dimakasine, (2) dira motlotlo wa gago motlhofo, (3) fetofetoga, mme (4) o ipeele mokgele. A o gakologelwa dikgato tseno sentle? A o simolotse go di dirisa, mme ka ntlha ya seo, a o bona o tokafaditse tsela ya gago ya go tsamaisa dimakasine?
6 Thato ya ga Jehofa ke gore “batho botlhe ba kè ba bolokwè, me ba hitlhè mo kicoñ ea boamarure.” (1 Tim. 2:4) Dimakasine tsa rona di thusa batho gore ba kgotsofalele botshelo mo tsamaisong eno ya dilo e e felang, di ba naya tsholofelo ka isagwe, mme di ba bontsha tsela ya go bona botshelo jo bo sa khutleng. A bo e le tshiamelo e ntle jang ne go dirisa makwalopaka ano a boammaaruri go thusa batho ba ba dipelo tse di ikanyegang go bona tsela e e isang botshelong jo bo sa khutleng.