Dikitsiso
◼ Mpho e e tsamaisiwang ka July: Go ka tsamaisiwa epe ya diboroutšhara tse di latelang: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya ya Batho Ba Ba Suleng A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise ka moneelo wa disente di le 90 nngwe le nngwe ya yone. August le September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R9,00. Dibuka tse dipotlana ka R4,50. October: Peeletso ya Tsogang! kana Tora ya Tebelo ka moneelo wa R19,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R9,50.
◼ Re tla itumelela go tsamaisa baeng ba ba batlang go bona dikago tsa Bethele ka dinako tse di latelang: Mantaga-Labotlhano: 8: 00 a.m.-11: 00 a.m. le 1: 00 p.m.-4: 00 p.m. Matlhatso: 8: 00 a.m.-11: 00 a.m. Eno ke phetogo e e dirwang malebana le kitsiso e e dirilweng go Tirelo ya Rona ya Bogosi ya September 1990.
◼ Go simolola ka April 8, 1993, puo ya Segujarati e ile ya tsenngwa mo lenaaneng la ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi tsa makasine wa Tsogang! tse di ka bonwang ka poso.
◼ Kopano ya kgaolo: Tsweetswee elang tlhoko gore letlha la kopano ya Port Elizabeth le fetotswe go nna December 16-19, 1993.
◼ Diphuthego di gakololwa gore di otore diforomo tse di lekaneng tsa ngwaga wa tirelo wa 1994. Diforomo tseno ga di a tshwanela go dirisiwa ka tsela e e botlhaswa. Di tshwanetse tsa dirisediwa tiro ya tsone fela.
◼ Dikgatiso Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Chichewa: Opelelang Jehofa Dipako (Buka ya dipina e potlana; phuthego le batho botlhe: R4,50; babulatsela: R3,00).
◼ Dikhasete tsa Bidio Tse Disha Tse Di Leng Gone:
Seesemane sa Ba Ba Sa Utlweng mo Ditsebeng: Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name (phuthego le batho botlhe: R45,00; babulatsela: R40,00).