Maeto A go Boela a a Motlhofo Le a A Nang le Matswela
1 A o dira maeto a go boela ka metlha, kana ka kakaretso go go thatafalela go a dira ka go bo o sa itse se o yang go se bua? Ga go tlhokege gore o ikutlwe o tshogile. Go na le dilo di le tharo tse di tla go thusang gore o atlege: (1) go baakanyetsa sentle; (2) go nna le bokgoni jwa go tlotla ka ntlha e le nngwe kana di le pedi mo ditlhogong di sekaenyana tsa Bibela tse di motlhofo; le (3) go ikemisetsa go reetsa kgopolo ya mong wa ntlo.
2 Akanya ka setlhogo se o bonang se tshwanela go ka se tlotla le mong wa ntlo fa o baakanyetsa go dira loeto lwa go boela. A ke moithuti wa sekolo? Baithuti ba le bantsi ba sekolo ba tlile go nna le nako e e oketsegileng ya go tlotla ka ditlhogo tsa Bibela mo kgweding eno ereka ba tla bo ba ikhutsitse mo dithutong tsa bone. O ka nna wa fitlhela gore ba bangwe ba amogela molaetsa wa Bogosi. A o ne wa botsa potso kwa bokhutlong jwa loeto lwa gago lwa ntlha, kana a mong wa ntlo o ne a kgatlhegela setlhogo sengwe se se rileng? Boeletsa dintlha tsa gago, o bo o dirise buka ya Go Fetolana gore o tle o bone gore tshedimosetso e o e tlhokang e fa kae gore o tle o dire loeto lwa go boela lo lo nang le matswela. Fa o boela, mmontshe lorato o bo o nne botsalano. Dumedisa mong wa ntlo ka leina.
3 Fa o tsamaiseditse mong wa ntlo Tora ya Tebelo le Tsogang! loeto lwa gago lwa go boela lo ka thaelwa mo ntlheng e le nngwe fela e e motlhofo kana di le pedi tse o di tlhophileng mo makasineng oo. Fa e le gore o tsamaisitse pampitshana nngwe mo loetong lwa ntlha, o ka nna wa akgela ka se se mo pampitshaneng ka boyone kana wa bua ka ntlha e e tshwanetseng mo makasineng kana mo boroutšhareng.
4 Fa o tsamaisitse pampitshana ya “Botshelo Mo Lefatsheng Le le Nang le Kagiso,” o ka bolela fela jaana:
◼ “Mo nakong e e fetileng fa ke ne ke go etetse, re ile ra bua ka tsholofetso ya Modimo ya lefatshe le lesha le le nang le kagiso. Fela jaaka re ile ra tlotla, Bogosi jwa Modimo ke jone jo bo tla tlisang maemo a a botoka. O akanya gore ke eng se se tlhokwang mo go rona gore re tle re nne karolo ya lefatshe leo le lesha le le nang le kagiso?” Letla mong wa ntlo gore a akgele, go tswa foo o bo o mmontsha se se tlhalosiwang mo go Pesalema 37:9, 11, 29.
5 Fa o tsamaisitse pampitshana ya “Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng?,” dikakgelo tseno tse dikhutshwane di ka nna tsa simolola motlotlo:
◼ “Fa re ne re fetsa motlotlo wa rona maloba, ke ne ka go tlogelela pampitshana e e reng Go Na le Tsholofelo Efe Ka Baratiwa ba ba Suleng? Serapa sa boraro se tsosa dipotso tse di kgatlhang tota: ‘Ke ka ntlha yang fa batho ba swa? Baswi ba kae? Mme re tlhomamisega jang gore ba tla boa ba tshela gape?’ Setlhogwana se se latelang, se se reng ‘Loso, le Seo se Diragalang fa Re swa,’ se araba potso nngwe le nngwe eno. Ka lesego ke na le kopi e nngwe ya pampitshana eno fano. Ela tlhoko se e se bolelang mo serapeng sa bone.” Go tswa foo fa mong wa ntlo a ntse a lebile mo go ya gagwe, bala serapa seno, go akaretsa le dikwalo tse pedi tse di bontshitsweng, mme o bo o kopa mong wa ntlo gore a ntshe maikutlo a gagwe. Reetsa ka kelotlhoko se a batlang go se bua, o bo o akgela ka tshwanelo.
6 Fa lo ntse lo tsweletse le motlotlo wa lona, mong wa ntlo o ka nna a tlhagisa dikgopolo di le dintsi tse di seng boammaaruri. Ga go tlhokege gore sengwe le sengwe se a se buang o se dire kgangkgolo. Go na le moo, kgomarela mo kgannyeng e lo e tlotlang. Dikgopolo dipe tse a nang le tsone tse di sa tsweng mo dikwalong di ka baakanngwa mo maetong a go boela a mo isagweng.
7 Leka ka natla yotlhe gore o boela botlhe ba ba kgatlhegang ka go dira maeto a go boela a a motlhofo le a a nang le matswela ka April.