Gakologelwang go Dirisa Diboroutšhara
Fa lo neela bosupi ka ntlo le ntlo kana jo e seng jwa ka tlwaelo, gantsi motlotlo o retologela mo setlhogong se se setseng se le teng mo go nngwe ya diboroutšhara tsa rona tse dintlentle. Mongwe le mongwe o tshwanetse gore a nne a gopotse seno segolobogolo fa a tsamaisa Tora ya Tebelo le Tsogang! ka April le May. Lo tla bo lo itlhomeletse sentle go tsamaisa se se tlhokegang go neela bosupi jo bo nang le matswela, fa lo tshotse diboroutšhara di le mmalwa tse di farologaneng ka dinako tsotlhe mmogo le dimakasine tse lo tla bong lo di tsamaisa mo bodiheding. Ka April le May, lo ka gololesega go dirisa nngwe le nngwe ya diboroutšhara (kwantle fela ga boroutšhara jwa Sekolo) mmogo le dimakasine tse lo tla bong lo di tsamaisa.—Bapisa Diane 15:23.