Dikitsiso
◼ Mpho e e tsamaisiwang ka April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R17,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Peeletso ya ngwaga o le mongwe fela ya ditokololo tse di tswang gangwe ka kgwedi le peeletso ya dikgwedi di le thataro ya ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. June: Monna Yo Mogolo Go Gaisa Botlhe Ba Ba Kileng Ba Tshela ka moneelo wa R8,00. July: Go ka tsamaisiwa epe ya diboroutšhara tse di latelang: A O Tshwanetse Wa Dumela Tharo-Nngwe?, A Ruriruri Modimo O Amega ka Rona?, “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” Itumelele Botshelo mo Lefatsheng ka Bosakhutleng!, Meya ya Batho Ba Ba Suleng A E Ka go Thusa Kana E Ka go Gobatsa? A Totatota E A Tshela?, kana Puso Eo E Tla Tlisang Paradaise ka moneelo wa disente di le 80 nngwe le nngwe ya yone.
◼ Go dirilwe diphetogo mo bukeng ya Buka ya Kaelo ya Sekolo e le gore go baakanngwe dipolelwana dingwe le ditsela tse di tla latelwang. Phetogo fela e e leng teng, mo tsebeng ya 100 go ya go ya 102, e ama Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo, mme e tla dira gore tsela e e tla latelwang e dumelane le ditaelo tse di kwadilweng mo Thulaganyong ya Sekolo sa Bodihedi sa Puso ya Bomodimo ya ngwaga le ngwaga. Buka ya Kaelo ya Sekolo eno e go dirilweng diphetogo mo go yone e setse e le teng jaanong ka Seesemane mme diphuthego di ka otora palo e di e tlhokang.
◼ Dithulaganyo di setse di tsweletse tsa letsholo la tshimo e e sa abiwang la go tloga ka August go ya go October 1993. Diphuthego di tla romelelwa lekwalo ka nako e e tshwanetseng le le nang le tshedimosetso e e oketsegileng.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otora 1993 Yearbook of Jehovah’s Witnesses mo diotorong tsa tsone tsa dibuka tsa April. 1993 Yearbook e tla nna teng ka Seesemane, Segerika, Sejeremane, Sentadiana, le Sepotokisi. Di-Yearbook ke dilwana tsa setoko tse di laolwang mme sekoloto sa tsone sa R2,80 e le nngwe se tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka. Babulatsela ba ba nang le dikgwedi tse di fetang di le thataro ba ntse ba bula tsela ba ka nna ba ikamogelela dikopi tsa mahala tseo phuthego e ka nnang ya kopa phokoletso ya tsone. Babulatsela ba ka nna ba ikamogelela dikopi tse di oketsegileng ka R1,40 e le nngwe.
◼ Diphuthego di tshwanetse go simolola go otora dibolumo tsa The Watchtower le Awake! tsa 1992. Dibolumo tseno di tla nna gone ka Seesemane, Segerika, Sentadiana, le Sepotokisi. Lo se ka lwa romela tuelo ya tsone le diotoro fa e le gore phuthego ya lona e na le akhaonto ya dibuka le Mokgatlho. Sekoloto sa tsone se tla tsenngwa mo akhaontong ya dibuka ya phuthego. Go fitlhelela dibolumo tseno di nna gone le go romelwa, di tla tlhagelela mo lenaanethekong la phuthego go kwadilwe “Back Ordered.” Diphuthego tse di nang le tlhaelo ya madi mo diakhaontong tsa tsone tsa dibuka di tshwanetse tsa romela madi le diotoro. Dibolumo ke dilwana tsa setoko tse di laolwang mme tlhwatlhwa ya tsone ke R17,00 e le nngwe mo phuthegong, mo bathong botlhe, le mo babulatseleng.
◼ Tsweetswee elang tlhoko gore go tloga ka June 1, 1993 go tla bo go na le tlhatlogo ya ditlhwatlhwa ya dikgatiso tsotlhe tsa rona. Ka sekai, ditlhwatlhwa tse disha tsa dimakasine e tla bo e le disente di le 80 kopi nngwe le nngwe mo baboleding mme babulatsela ka disente di le 40. Diphuthego tsotlhe di tla amogela dikopi tsa Cost List e e baakantsweng e e bontshang ditlhwatlhwa tse disha tseno. Kopi e nngwe e tshwanetse ya manegwa mo lemating la dikitsiso ka bonako. Re kgothaletsa botlhe gore ba itlwaelanye le ditlhwatlhwa tseno tse disha.
◼ Dikhasete Tsa Bidio Tse Disha Tse di Leng Gone:
Sepotokisi: Jehovah’s Witnesses—The Organization Behind the Name (phuthego le batho botlhe: R45,00; babulatsela: R40,00).