LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • km 7/92 ts. 3
  • Dikgang Tsa Bolegodimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikgang Tsa Bolegodimo
  • Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1993
  • Dikgang Tsa Puso ya Modimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1998
  • Dikgang Tsa Bolegodimo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tirelo ya Rona ya Bogosi—1992
km 7/92 ts. 3

Dikgang Tsa Bolegodimo

Afrika Borwa: Baithaopi ba le masome a mabedi le bongwe ba ba tswang kwa Canada le kwa United States of America ba ile ba thusa diphuthego di le pedi tsa Gauteng, eleng tsa Hillbrow le Berea, go aga Holo ya Bogosi e e agiwang ka bonako e e nang le matlhatlaganyane a le mabedi. Moya wa bone o o akgolelwang o ile wa felela ka boipelo jo bo seng kana ka sepe! Dikomiti Tse Di Agang tsa Kgaolo di dirisa badiri ka tsela e e nang le katlego bao ba iketleeleditseng go bereka bao ba setseng ba tladitse “Kingdom Hall Construction Worker Questionnaire.” Botlhe ba kgothalediwa gore ba tswelele pele ba ema ditiro tsa go aga Diholo tsa Bogosi tseo di tswelelang pele nokeng.

Lebanona: Baboledi bao ba begileng ka February ba ne ba le 2 919 botlhe, eo eleng koketsego ya 9 lekgolong go feta palogare ya ngogola.

Poland: Go fitlheletswe koketsego ya 6 lekgolong mo baboleding ka February, go begile ba le 105 226. Dithuto tsa Bibela di tlhatlogetse go 71 686 go ya go 76 919 mo ngwageng o le mongwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela