Dikitsiso
◼ Mpho ya buka ya September: O Ka Tshelela Ruri mo Lefatsheng la Paradaise ka moneelo wa R7,50. Dibuka tse dipotlana ke R3,75. October: Peeletso ya Tsogang! kana ya Tora ya Tebelo kana dimakasine tseno ka bobedi ka moneelo wa R17,00 nngwe le nngwe mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tswang gangwe fela ka kgwedi le tsa dikgwedi tsa thataro tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,50. November: Bibela A Ke Lefoko la Modimo kana Ke la Batho ka moneelo wa R2,60. December: Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela ka moneelo wa R8,00.
◼ DIKOPANO TSA KGAOLO: Tsweetswee elang tlhoko diphetogo tse di latelang:
September 27-29: WINDHOEK, Khomasdal Community Hall
October 4-6: DURBAN, Clairwood Racecourse (Sezulu)
October 18-20: PIETERMARITZBURG, Scottsville Racecourse (Seesemane)
◼ Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o tlhomilweng ke ene o tshwanetse a tlhatlhoba diakhaonto tsa phuthego ka September 1 kana ka bofefo fela ka mo go kgonegang ka gone morago ga foo.
◼ Tsweetswee tlhokomelang gore go tla bo go na le koketsego ya ditlhwatlhwa mo dikgatisong tsotlhe tsa rona go simolola ka October 1, 1991. Ka sekai, tlhwatlhwa e ntšha ya makasine e tla bo e le 75c mo baboleding mme e le 40c mo babulatseleng. Diphuthego tsotlhe di tla amogela dikaelo tsa Cost List eo e kwadilweng sesha e bontsha ditlhwatlhwa tse disha. Sekaelo se sengwe se tshwanetse sa manegwa mo lomating lwa tshedimosetso ka bofefo fela morago ga foo. Re kgothaletsa botlhe gore ba itlwaelanye le ditlhwatlhwa tse disha.
◼ Ka Matlhatso, October 5, 1991, legae la Bethele le feketiri di tla bo di tswetswe ka jaana di tla bo di phepafadiwa, ka jalo go tla bo go sena dithulaganyo dipe tsa go bontshiwa kago.