Dikitsiso
● Mpho ya buka ya March: Tshenolō—Konelo ya Yone E E Molemolemo E Atametse! ka moneelo wa R7,50. Buka e nngwe eo e ka dirisiwang jaaka mpho ke ya Dipotso Tse Basha Ba Di Botsang—Dikarabo Tse Di Nang le Tharabololo, ka moneelo wa R3,75. April le May: Peeletso ya Tora ya Tebelo ka moneelo wa R16,00 mo ditokololong tse di tswang gabedi ka kgwedi. Dipeeletso tsa ngwaga o le mongwe tsa ditokololo tse di tswang gangwe fela ka kgwedi le dipeeletso tsa dikgwedi di le thataro tsa ditokololo tse di tswang gabedi ka kgwedi ke R8,00. June: Matsapa A A Tserweng ke Motho go Batla Modimo ka moneelo wa R3,75.
● Molebedi yo o okamelang kana mongwe yo o abetsweng ke ene o tshwanetse a bala diakhaonto tsa phuthego ka March 1 kana ka bonako jo bo kgonegang morago ga moo. Dira kitsiso mo phuthegong fa seno se dirilwe.
● Diphuthego tseo di opelang di sa dirise diletswa tsa go opela di kgothalediwa gore di otore dikhasete kana direkoto go tswa mo Mokgatlhong. Sing Praises to Jehovah e gone ka alebamo ya dikhasete di le robedi ka R54,00 kana ka direkoto ka R48,00. Diphuthego di ka nna tsa kgona go reka sete ya dialebamo di le tlhano ka R250,00 e le dikhasete di le 113.
● DIKOPANO TSA KGAOLO TSA 1991: Go dirwa dithulaganyo tse di ka nnang tsa fetolwa tsa dikopano tsa kgaolo tsa malatsi a le mararo ka tsela e e latelang:
November 15-17: St. Helena
December 6-8: Windhoek
December 13-15: Bloemfontein, Durban, Gaborone, Manzini, Nkowankowa, Ongwediva
December 20-22: Cape Town, Empangeni, Johannesburg, Lebowa-Kgomo, Mafikeng, Maputo, Mdantsane
December 27-29: KaNyamazane, Maseru, Newcastle, Port Elizabeth, Pretoria
January 3-5, 1992: Umtata
● Dibuka Tse Disha Tse Di Gone:
“Lokwalo Longwe le Longwe Lo Tlhotlheleditswe ke Modimo Ebile Lo Mosola,” Tokololo ya 1990 (phuthego le batho botlhe: R8,00; babulatsela: R5,20)—Seburu
● Tse Di Sa Tlholeng Di Le Gone mo Setokong:
Go Lotolotsa mo Dikwalong ka Malatsi Otlhe—1991—Setswana