Lenaane la Diteng
BEKE YA FEBRUARY 4-10, 2019
3 “Re Tla Kopana Kwa Paradaiseng!”
Bakeresete ba boammaaruri ba lebile pele go tshela kwa Paradaiseng. Setlhogo seno se tla bua ka mabaka a go bo re dumela tsholofetso eo le gore re tshwanetse go tlhaloganya jang tsholofetso e Jesu a neng a e dira malebana le Paradaise.
8 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
BEKE YA FEBRUARY 11-17, 2019
10 Tlotla “se Modimo a se Kopantseng Mmogo”
Setlhogo seno se tla tlhalosa gore Baebele ya reng ka lenyalo le le tlotlegang. Re ka bontsha jang gore re tlotla lenyalo? Re ka bontsha jang gore re tlotla se Baebele e se buang ka go tlhala le go kgaogana?
15 Kgang ya Botshelo—‘Jehofa o Ile a Dirisana le Rona ka Tsela e e Molemo’
BEKE YA FEBRUARY 18-24, 2019
19 Basha, Jehofa o Batla Gore lo Itumele
BEKE YA FEBRUARY 25, 2019–MARCH 3, 2019
24 Basha, lo ka Kgona go Nna le Botshelo jo bo Itumedisang
Go le gantsi basha ba tshwanelwa ke go dira ditshwetso, tse di jaaka gore ba tla ipeela mekgele efe. Gantsi batho ba ba kgothaletsa gore ba ye yunibesithing le gore ba nne le tiro e e duelang madi a mantsi. Le fa go ntse jalo, Jehofa o kgothaletsa basha gore ba beye kobamelo ya gagwe kwa pele. Ditlhogo tseno tse pedi di tla re bontsha gore fa re reetsa Jehofa re tla nna botlhale.