Lenaane la Diteng
3 Ba Ithaopile ka go Rata—Kwa Turkey
BEKE YA AUGUST 28, 2017–SEPTEMBER 3, 2017
7 Go Batla Dikhumo Tsa Mmatota
Setlhogo seno se tlhalosa kafa re ka dirisang dithoto tsa rona ka gone gore re atamalane le Jehofa le Jesu. (Luke 16:9) Gape se tlhalosa gore re ka tila jang go nna makgoba a dilo tsa kgwebo le kafa re ka direlang Jehofa ka botlalo ka gone.
BEKE YA SEPTEMBER 4-10, 2017
12 “Lelang le Batho ba ba Lelang”
Mokeresete a ka lebana jang le kutlobotlhoko ya go tlhokafalelwa ke mongwe yo a mo ratang? Jehofa o dirisa Jesu Keresete, Lefoko la Gagwe le phuthego ya Bokeresete go re gomotsa. Setlhogo seno se tla re bontsha kafa re ka gomotsegang ka gone le gore re ka gomotsa batho ba ba hutsafetseng jang.
BEKE YA SEPTEMBER 11-17, 2017
17 Goreng re Tshwanetse go ‘Baka Jah’?
Pesalema 147 e kgothaletsa batho ba Modimo gore ba mmake. Mopesalema o ne a rata eng ka Jehofa se se dirang gore a re Jehofa a bakwe? Setlhogo seno se re naya karabo e bile se tlhalosa gore ke eng fa re tshwanetse go baka Modimo.
BEKE YA SEPTEMBER 18-24, 2017
22 “E Kete a ka . . . Diragatsa Boikaelelo Jotlhe Jwa Gago”
Bakeresete ba basha ba le bantsi ba tsenela tirelo ya nako e e tletseng. A ke selo se o eletsang go se dira? Setlhogo seno se na le kgakololo ya baebele e e ka go thusang go ipeela mekgele e e tla dirang gore o nne le isagwe e e molemo.