Lenaane la Diteng
3 Kgang ya Botshelo—Ke Solegetswe Molemo ke go Tsamaya le Batho ba ba Botlhale
BEKE YA MAY 1-7, 2017
8 Tlotlang ba ba Tshwanelwang ke Tlotlo
Bakeresete ba tshwanetse go bontsha ba bangwe tlotlo ka tsela e e tshwanetseng. Re tshwanetse go tlotla bomang? Ka ntlha yang? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno e bile se tla tlhalosa botlhokwa jwa go bontsha batho tlotlo e e ba tshwanetseng.
BEKE YA MAY 8-14, 2017
13 Bontsha Tumelo—Dira Ditshwetso Tse di Siameng!
Go ya ka Baebele, ga re a tshwanela go palelwa ke go itirela ditshwetso. Mme ke eng fa re tshwanetse go dira ditshwetso tse di siameng? Ke eng se se tla re thusang gore re kgone go dira jalo? Mme a ka dinako tse dingwe re tshwanetse go fetola tshwetso e re setseng re e dirile? Setlhogo seno se tla araba dipotso tseno.
BEKE YA MAY 15-21, 2017
18 Direla Jehofa ka Pelo e e Feletseng!
BEKE YA MAY 22-28, 2017
23 A o Tla Ikobela Dilo Tse di Kwadilweng?
E re ka re sa itekanela, rotlhe re dira diphoso. Mme gone, a seo se raya gore re ka se kgone go itumedisa Jehofa? Mo ditlhogong tseno tse pedi, re tla tlotla ka banna ba le banê ba e neng e le dikgosi tsa Juda le ka diphoso tse ba neng ba di dira, mme dingwe tsa diphoso tseo di ne di le masisi tota. Le fa go ntse jalo, Jehofa o ne a bona gore dikgosi tseno di mo direla ka pelo e e feletseng. Le fa gone re dira diphoso, fa Modimo a re leba, a o bona gore re mo direla ka pelo e e feletseng?