Lenaane la Diteng
BEKE YA FEBRUARY 27, 2017–MARCH 5, 2017
7 “Ikanye Jehofa Mme o Dire Molemo”
Setlhogo seno se tlhalosa kafa temana ya ngwaga ya 2017 e re kgothaletsang ka gone go kopa Jehofa gore a re thuse fa re lebane le dikgwetlho. Re tla sekaseka dikao tsa batho ba ba ikanyegang ba mo nakong e e fetileng le go bona kafa re ka ikanyang Jehofa ka gone gore a re eme nokeng fa re ntse re leka go dira se re ka se kgonang go rarabolola mathata a rona le go thusa ba bangwe.
BEKE YA MARCH 6-12, 2017
12 Anaanela Mpho e o Nang le Yone ya go Itlhophela
Mo setlhogong seno, re tla ithuta kafa re ka bontshang ka gone gore re anaanela mpho e Modimo a re neileng yone ya go itlhophela. Gape re tla ithuta kafa re ka tlotlang ka gone tsela e ba bangwe ba dirisang mpho ya bone ya go itlhophela.
BEKE YA MARCH 13-19, 2017
17 Botlhokwa Jwa go Nna Boingotlo
BEKE YA MARCH 20-26, 2017
22 Go Nna Boingotlo Le fa Re Lebana le Diteko
Ditlhogo tseno di tla re thusa go tlhaloganya nonofo eno e e molemo. Setlhogo sa ntlha se tlhalosa gore boingotlo ke eng le gore ga se eng. Setlhogo sa bobedi se re ruta kafa re ka nnang boingotlo ka gone le fa re lebana le diteko.
BEKE YA MARCH 27, 2017–APRIL 2, 2017
27 “Dilo Tseno di Neye Banna ba ba Ikanyegang”
E re ka batho ba tsofala mme go sala kokomana e nngwe, ba basha ke bone ba dirang tiro ya ba ba godileng. Setlhogo seno se tlhalosa kafa ba ba godileng le ba basha ba ka lebanang le boemo jono ka gone ka tsela e e molemo.