Lenaane la Diteng
BEKE YA OCTOBER 24-30, 2016
3 “A Diatla Tsa Gago Di se Ka Tsa Repa”
BEKE YA OCTOBER 31, 2016–NOVEMBER 6, 2016
8 Nna o Lwela Tshegofatso ya ga Jehofa
Kgatelelo le ditlhobaelo di ka dira gore re ikutlwe re imetswe e bile tsa dira gore re repise diatla ka tsela ya tshwantshetso. Bona kafa maatla a ga Jehofa a ka re nonotshang ka gone le go re naya bopelokgale gore re itshoke. Mme ithute gore ke eng se o ka se dirang gore o “lwele” tshegofatso ya ga Jehofa.
13 Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
14 Go Femela Dikgang Tse di Molemo fa Pele ga Balaodi ba Bagolo
BEKE YA NOVEMBER 7-13, 2016
17 A Tsela e o Aparang ka Yone e Galaletsa Modimo?
Batlhanka ba Modimo mo lefatsheng lotlhe ba batla gore diaparo tsa bone di nne phepa le gore ba ipaakanye sentle e bile tsela e ba aparang ka yone e se ka ya kgopisa batho ba mo lefelong le ba nnang mo go lone mme e tshwanetse go dumalana le melaometheo ya Baebele. O ka tlhomamisa jang gore tsela e o aparang ka yone e galaletsa Modimo?
22 Solegelwa Molemo ke Kaelo ya ga Jehofa Gompieno
BEKE YA NOVEMBER 14-20, 2016
23 Basha, Nonotshang Tumelo ya Lona
BEKE YA NOVEMBER 21-27, 2016
28 Batsadi, Thusang Bana ba Lona Gore ba Nne le Tumelo
Ditlhogo tseno tse pedi di tla re thusa go bona kafa basha ba ka ithutang ka gone go dirisa bokgoni jwa bone jwa go akanya gore ba nonotshe tumelo ya bone le go e femela. Gape re tla ithuta kafa batsadi ba Bakeresete ba ka thusang bana ba bone gore ba itumelele go nonotsha tumelo ya bone mo Modimong le mo Lefokong la gagwe.