LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w15 9/1 ts. 5
  • Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
    Basupi ba ga Jehofa Ba Dumela Eng?
  • Basupi ba ga Jehofa
    Go Fetolana ka Dikwalo
  • Goreng re Bolelela Batho Molaetsa wa Baebele?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Basupi ba ga Jehofa ba Dumela Eng?
    Dipotso Tse Gantsi di Bodiwang
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
w15 9/1 ts. 5
Banyalani ba Basupi ba ga Jehofa ba ithuta Baebele le bana ba bone

SETLHOGO SA KA FA NTLE | BASUPI BA GA JEHOFA KE BOMANG?

Basupi ba ga Jehofa ba dumela eng?

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore “lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo e bile lo tswela mosola.” (2 Timotheo 3:16) Re dirisa Baebele go ithuta ka Mmopi le go tshela botshelo jo bo kgotsofatsang.

Baebele ya re: “Gore batho ba tle ba itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo yo o okametseng lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Ka jalo, re obamela Jehofa Modimo e bile jaaka Basupi ba gagwe, re leka go itsise batho leina la gagwe.—Isaia 43:10-12.

E re ka re le Bakeresete, re dumela gore “Morwa Modimo”a e bong Jesu, o ne a tla mo lefatsheng mme a nna Mesia. (Johane 1:34, 41; 4:25, 26) Fa a sena go swa, o ne a tsosiwa gore a ye go tshela kwa legodimong. (1 Bakorintha 15:3, 4) Moragonyana o ne a nna Kgosi ya Bogosi Jwa Modimo. (Tshenolo 11:15) Bogosi joo ke puso ya mmatota e e tla dirang gore lefatshe e nne Paradaise. (Daniele 2:44) Baebele ya re: “Ba ba pelonolo ba tla rua lefatshe, ruri ba tla nna le boitumelo jo bogolo mo letlotlong la kagiso.”—Pesalema 37:11, 29.

“Fa ba bala Baebele, ba dumela gore Modimo o bua le bone. Ka metlha fa go tlhaga mathata, ba batla tharabololo mo Lefokong la Modimo. . . . Ba dumela gore Lefoko la Modimo le sa ntse le tshela.”—Moruti wa Katoliki e bong Benjamin Cherayath, lokwalodikgang lwa Münsterländische Volkszeitung, Germany

Basupi ba ga Jehofa ba dumela gore le gompieno Baebele e ka solegela batho molemo. (Isaia 48:17, 18) Ka jalo, re ikobela melaometheo ya yone. Ka sekai, ga re goge e bile ga re dirise diritibatsi ka gonne Baebele e re laela go tila dilo tse di senyang megopolo le mebele ya rona. (2 Bakorintha 7:1) Gape re tila dilo tse Baebele e di kgalang tse di jaaka botagwa, boitsholo jo bo sa siamang jwa thobalano le go utswa.—1 Bakorintha 6:9-11.

a Baebele ya re Jesu ke “Morwa yo o tsetsweng a le esi wa Modimo” ka gonne ke motho wa ntlha e bile ke ene fela yo o bopilweng ke Jehofa ka tlhamalalo.—Johane 3:18; Bakolosa 1:13-15.

Batsadi ba nyenya fa ngwana wa bone a bula mpho

Fa o batla go itse se re se dumelang le gore ke ka ntlha yang re sa keteke malatsi a boikhutso kgotsa re sa tshelwe madi, tsena mo www.jw.org/tn mme o lebe KA GA RONA > DIPOTSO TSE GANTSI DI BODIWANG.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela