LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 7/1 ts. 16
  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Dikgang Tse di Molemo Tse di Tswang Kwa Modimong!
  • Jesu o a Boloka—jang?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2001
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 7/1 ts. 16

DIKARABO TSA DIPOTSO TSA BAEBELE

A go a kgonega go tshelela ruri?

Ke thulaganyo efe e e ka dirang gore re gololwe mo losong?

Monna wa ntlha e bong Adame o tshetse makgolo a dingwaga. Mme kgabagare, o ne a tsofala mme a swa. Fa e sa le go tloga ka nako eo, batho ba lekile dilo di le dintsi go tila go tsofala. Le fa go ntse jalo, ga go na ope yo o kileng a kgona go falola loso. Ka ntlha yang? Adame o ne a tsofala mme a swa ka gonne o ne a leofetse Modimo ka go sa mo ikobele. Rona re a tsofala ka gonne re ruile boleo le ditlamorago tsa jone e leng loso go tloga mo go Adame.—Bala Genesise 5:5; Baroma 5:12.

E le gore re itumelele botshelo jo bo sa khutleng, re tlhoka motho yo o tla re duelelang thekololo. (Jobe 33:24, 25) Thekololo ke tlhwatlhwa e e duelwang go golola mongwe, mme rona re tlhoka go gololwa mo losong. (Ekesodo 21:29, 30) Jesu o ne a duela tlhwatlhwa eo fa a ne a re swela.—Bala Johane 3:16.

Re ka bona jang botshelo jo bo sa khutleng?

Ga se batho botlhe ba ba tla gololwang mo bolwetseng le mo botsofeng. Tota e bile, batho ba ba sa ikobeleng Modimo jaaka Adame a ile a dira, ba tla latlhegelwa ke tshiamelo ya botshelo. Ke batho ba ba itshwaretsweng maleo a bone fela ba ba tla itumelelang botshelo jo bosakhutleng.—Bala Isaia 33:24; 35:3-6.

E le gore re itshwarelwe, re tshwanetse go tsaya kgato. Re tlhoka go itse Modimo ka go ithuta Lefoko la gagwe e leng Baebele. E re ruta gore re ka itumelela botshelo jo bo botoka jang gape le gore re ka bona kamogelo ya Modimo le botshelo jo bosakhutleng jang.—Bala Johane 17:3; Ditiro 3:19.

Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng bona kgaolo 3 ya buka ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela