LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w13 4/15 ts. 32
  • A o Ne o Itse?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Ne o Itse?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Lo se Lese go Phuthega Mmogo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
  • Mokgwa O Labokeresete A Nnileng Karolo ya Lefatshe Leno ka One
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1993
  • Ke ka Ntlha Yang fa go Kgaola e le Thulaganyo e e Lorato
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • Dipotso Tse di Tswang Kwa Babading
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2002
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2013
w13 4/15 ts. 32

A O NE O ITSE?

A tempele ya kwa Jerusalema e ne ya agiwa sesha morago ga 70 C.E.?

JESU o ne a re ga go na leje lepe la tempele ya ga Jehofa le le neng le tla tlogelwa mo godimo ga le lengwe—boporofeti joo bo diragaditswe fa masole a Roma a a neng a eteletswe pele ke Titus, a ne a senya Jerusalema ka 70 C.E. (Math. 24:2) Moragonyana Mmusimogolo Julian o ne a rulaganya gore go agiwe tempele sesha.

Julian o ne a bidiwa mmusimogolo wa bofelo wa moheitane wa kwa Roma. Setlogolo seno sa ga Constantine yo Mogolo se ne sa amogela thuto e go tweng ke ya Bokeresete. Le fa go ntse jalo, morago ga gore a tlhomiwe go nna mmusimogolo ka 361 C.E., o ne a bontsha phatlalatsa gore ga a dumalane le thuto eo mmogo le mofuta o o neng o leswafetse wa Bokeresete mo motlheng wa gagwe mme a tlhopha go nna moheitane. Dibuka tsa hisitori di mmitsa “Motlhanogi.”

Julian o ne a tlhoile Bokeresete. Lebaka lengwe e ka nna gore, fa a ne a le dingwaga di le thataro, o ne a bona baemedi ba Bokeresete ba bolaya rraagwe le ba masika a gagwe. Go ya ka baitsehisitori ba kereke, Julian o ne a rotloetsa Bajuda go aga tempele sesha, a dumela gore seo se ne se tla supa gore Jesu e ne e le moporofeti wa maaka.a

Ga go pelaelo gore Julian o ne a ikaeletse go aga tempele sesha. Baitsehisitori ba sa ntse ba sa dumalane ka gore a tota o ne a simolola tiro ya go aga tempele sesha le gore fa e le gore o ne a dira jalo, ke eng se se neng sa dira gore tiro eo e se ka ya wediwa. Le fa go ntse jalo, re ka tlhomamisega ka selo se le sengwe. Julian o ne a bolawa pele ga a fetsa dingwaga di le pedi a busa mme tiro e a neng a e simolotse le yone e ne ya emisiwa.

Lefelo le tempele e neng e le mo go lone le na le setshwantsho se se bontshang kafa tempele e neng e lebega ka gone mo motlheng wa ga Jesu

a Jesu ga a ise a re tempele e ne e ka se agiwe sesha go na le moo, o ne a re e tla senngwa, mme seo se ne sa diragala ka 70 C.E.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela