LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 12/1 ts. 30-32
  • Jothame O ne A Nna a Ikanyega Le fa A ne A Lebane le Mathata Kwa Gae

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jothame O ne A Nna a Ikanyega Le fa A ne A Lebane le Mathata Kwa Gae
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • “A Nna a Ngaparela Jehofa”
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Dafide—Lebaka La go Bo a Ne a Sa Boife
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Dafide le Goliathe
    Se o Ka se Ithutang mo Baebeleng
  • Monna yo o Amogelwang ke Pelo ya ga Jehofa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 12/1 ts. 30-32

Ruta Bana ba Gago

Jothame O ne A Nna a Ikanyega Le fa A ne A Lebane le Mathata Kwa Gae

FA BATSADI ba tlogela go direla Modimo wa boammaaruri e bong Jehofa, seo se ka dira gore go nne thata mo ngwaneng. Mma re tlotle ka Jothame. Re tla ithuta ka mathata a a ileng a lebana le one mo lelapeng la gaabo fa a ntse a gola.

Rraagwe Jothame e bong Usia, e ne e le kgosi ya Juda. E ne e le monna yo o nonofileng thata mo nageng. Usia e ne e le kgosi e e molemo ka dingwaga di le dintsi, le e leng pele Jothame a tsholwa. Mme moragonyana, fa Jothame a sa ntse a le mmotlana, Usia o ne a ikgogomosa mme a tlola Molao wa Modimo. Ka jalo, Modimo o ne a mo itaya ka lepero, e leng bolwetse jo bo maswe. A o itse gore Jothame o ne a dira eng morago ga foo?—a

Jothame o ne a tswelela a direla Jehofa. Gongwe mmaagwe e bong Jerushahe o ne a mo thusa. Le fa go ntse jalo, go ka tswa go ne go sa ntse go le thata mo go Jothame go tswelela a ikanyega mo go Jehofa morago ga gore rraagwe e bong Usia a lelekwe mo ntlong ya ga Jehofa.

Go tweng fa rraago kgotsa mmago a tlogetse go obamela Jehofa? A seo se ne se se kitla se dira gore go nne thata mo go wena?— Mme ga go phoso go akanya gore selo se se ntseng jalo se tla direga. Go sekaseka se Dafide a se kwadileng mo Baebeleng go re bontsha seno.

Rraagwe Dafide e bong Jese, e ne e le monna yo o siameng. O ne a direla Jehofa, e bile re ka tlhomamisega gore Dafide o ne a rata rraagwe. Dafide o ne a ithuta go rata Jehofa thata go feta kafa a neng a rata Jese ka gone. Mma re bone gore ke ka ntlha yang fa re itse seno.

Tsweetswee bula Baebele ya gago mo go Pesalema 27:10. Dafide o ne a re: “Fa rre le mmè ba ne ba ka ntlogela, Jehofa o ne a tla ntshola.” Akanya ka seno: Se Baebele e se buang ke gore fa go ne go ka direga gore rraagwe Dafide e bong Jese kgotsa mmaagwe a tlogele go direla Jehofa, Dafide o ne a tla tswelela a mo direla.

Go tweng ka wena? A o ne o tla tswelela o direla Jehofa le fa rraago kgotsa mmago a sa mo direle?— Eno ke potso e e molemo e o ka ipotsang yone. Lebaka la go ipotsa jalo le amana le taelo eno e e botlhokwa thata e e mo Baebeleng. Ya re: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.”

Taelo eno e kaya gore o tswelele o ikanyega mo go Jehofa, le fa go ka nna thata go dira jalo. O akanya gore ke mang yo o batlang gore re tlogele go direla Jehofa?— Ke mmaba wa Modimo e bong Satane Diabolo. Jesu o ne a re ke “mmusi wa lefatshe leno.” Baebele gape ya re ke “modimo wa tsamaiso eno ya dilo.” A re tshwanetse go boifa Satane?—

Nnyaa, ga re a tshwanela. Go na le moo, re tshwanetse go gopola gore Jehofa o maatla thata go gaisa Satane. Jehofa o tla re sireletsa fa re mo ikanya. Bala mo Baebeleng ya gago o bone gore Jehofa o ne a sireletsa Dafide jang mo mokalobeng yo o boifisang e bong Goliathe. Le wena Jehofa a ka go sireletsa fa o ka tswelela o ikanyega mo go ene.

Bala mo Baebeleng ya gago

  • 2 Ditiragalo 26:16-21; 27:1, 2

  • Mathaio 22:37

  • Johane 12:31; 2 Bakorintha 4:4

  • Bahebera 13:5, 6

  • 1 Samuele 17:41-54

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela