Go Thusa Batho ba ba Tlhokang
“Yo o leitlho le pelonomi o tla segofadiwa, gonne o neile motho wa maemo a a kwa tlase dijo tsa gagwe.”—DIANE 22:9.
Lebaka la go bo bangwe ba keteka Keresemose.
E re ka Jesu a ne a thusa batho ba ba humanegileng, ba ba lwalang le ba ba bogang, batho bangwe ba batla go latela sekao sa gagwe. Ba akanya gore nako e e molemo ya go dira jalo ke ka Keresemose, ka nako e gantsi mekgatlho e e abang dimpho e dirang maiteko a a oketsegileng a go kopa meneelo ka yone.
Ke ka ntlha yang fa e le kgwetlho?
Ka nako ya malatsi a boikhutso, batho ba le bantsi ba tshwaregile ka go reka dilo, go itlosa bodutu le go etela ba losika le ditsala. Dilo tseno di dira gore ba se ka ba nna le nako, maatla kgotsa madi a go thusa batho ba ba humanegileng le ba ba tlhokang mme ba kgona fela go ntsha meneelo.
Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang?
“O se ka wa gana ka molemo mo go ba o ba tshwanetseng, fa go le mo maatleng a seatla sa gago go o dira.” (Diane 3:27) Batho ba ba humanegileng, ba ba tshwerweng ke tlala le ba ba tshwenyegileng ga ba boge fela ka nako ya Keresemose. Fa o lemoga gore mongwe o tlhoka thuso mme “go le mo maatleng a seatla sa gago” go mo thusa, ke eng fa o tshwanetse go letela nako ya malatsi a boikhutso gore o dire sengwe? O tla segofadiwa ka ntlha ya ditiro tsa gago tsa bopelonomi le bopelotlhomogi.
“Letsatsi lengwe le lengwe la ntlha la beke a mongwe le mongwe wa lona kwa ntlong ya gagwe a beele sengwe kwa thoko mo bobolokelong go ya kafa a ka tswang a tlhogonolofala ka gone.” (1 Bakorintha 16:2) Moaposetoloi Paulo o ne a neela Bakeresete ba bagologolo ba ba neng ba batla go thusa batho ba ba humanegileng kgakololo eo. A o ka kgona go ‘beela kwa thoko’ kgotsa wa lekanyetsa madi a a rileng, a ka metlha o ka a abelang batho ba ba rileng kgotsa mokgatlho o o dirisang madi sentle? Fa o dira jalo, o tlhomamisa gore o thusa batho ba ba tlhokang mme ka nako e e tshwanang o aba go ya ka se o nang le sone.
“O se ka lwa lebala go dira molemo le go abalana dilo le ba bangwe, gonne Modimo o itumedisiwa thata ke ditlhabelo tse di ntseng jalo.” (Bahebera 13:16) Ela tlhoko gore mo godimo ga go “abalana dilo le ba bangwe,” gape re tshwanetse go gakologelwa “go dira molemo” kgotsa go dira sengwe se se ka thusang ba bangwe. Ka sekai, batsadi ba ba botlhale ba thapisa bana ba bone gore ba thuse batho ba ba godileng ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi; go kgothatsa ba ba lwalang ka go ba kwalela karata, ka go ba etela kgotsa ka go ba leletsa mogala; le go tsalana le bana ba bangwe ba ba tlhokang kgotsa ba ba nang le bokoa jo bo rileng. Fa ba dira jalo, bana ba ithuta go nna pelonomi le go nna pelotshweu ngwaga otlhe.
Batsadi ba ba botlhale ba thapisa bana ba bone gore ba thuse batho ba ba godileng, ba ba lwalang le bana ba ba tlhokang. Fa ba dira jalo, bana ba ithuta go nna pelonomi le go nna pelotshweu ngwaga otlhe.