LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 4/1 ts. 3
  • Go Batla Dikarabo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Go Batla Dikarabo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Jesu Keresete—Dipotso Tsa Rona di a Arabiwa
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Jesu Keresete ke Mang?
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Se Jesu a Neng a se Ruta ka Ene
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2010
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 4/1 ts. 3

Go Batla Dikarabo

“Mo e ka nnang mongwe le mongwe o na le se a se akanyang malebana le gore [Jesu] ke mang. Le fa re ka tswa re na le tumelo kgotsa re na le dipelaelo go le kana kang, rotlhe re ipotsa gore, ‘Monna yono ke mang?’”—AUTHOR STAN GUTHRIE.

BATHO ba batla go itse ka ga Jesu. Go rekisitswe dibuka tse dintsi tse di buang ka ene. Difilimi tse di ka ga gagwe di ile tsa atlega thata. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba sa ntse ba ipotsa dipotso ka ga Jesu. Batho ba na le dikgopolo tse di farologaneng malebana le gore tota Jesu e ne e le mang.

Dingwaga di le mmalwa tse di fetileng, bakwaladikgang ba babedi ba ne ba botsa batho potso eno e e reng “Jesu e ne e le mang?” mo Internet. Ba ne ba araba jaana:

● “Go lebega e ne e le rabi (morutisi) yo o neng a dira gore botshelo jwa gagwe e nne sekao sa kutlwelobotlhoko.”

● “E ne e le motho yo o tlwaelegileng mme a tshela botshelo jo bo tlhomologileng.”

● “Ga go na bosupi bope jwa gore Jesu o ne a tshela.”

● “Jesu ke Morwa Modimo yo o neng a tsholwa, a swa a bo a tsosiwa mo baswing gore a re golole mo maleong a rona. Gompieno o a tshela mme o tla tla gape mo lefatsheng.”

● “Ke dumela gore Jesu Keresete ke morwa a le mongwe fela wa Modimo, ke motho e bile ke Modimo ka nako e le nngwe.”

● “Go dumela mo ditlhamaneng tse di ka ga Jesu ke bongwana.”

Ga go pelaelo gore dikgopolo tse di ntseng jalo tse dintsi ga di ka ke tsa nna boammaaruri tsotlhe. A go na le tshedimosetso nngwe e e ka ikanngwang e e ka re nayang dikarabo tse di boammaaruri ka ga Jesu? Bagatisi ba makasine ono ba dumela gore Baebele ke Lefoko la Modimo e bile ke yone fela e e re bolelelang boammaaruri jotlhe ka ga Jesu.a—2 Timotheo 3:16.

Mo setlhogong se se latelang re tla sekaseka kafa Baebele e arabang ka gone dingwe tsa dipotso tse gantsi di bodiwang ka ga Jesu. Ene ka boene o ne a re “mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene” o tla bolokwa. (Johane 3:16) Re kopa gore o sekaseke dikarabo go tswa foo o itirele tshwetso gore a o tlhoka go ithuta mo go oketsegileng ka ga Jesu le kafa o ka dumelang mo go ene ka gone.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa o batla tshedimosetso e e oketsegileng, bona kgaolo 2 ya setlhogo se se reng, “Baebele—Buka e e Tswang Kwa Modimong” mo bukeng ya Totatota Baebele e Ruta Eng? e e gatisitsweng ke Basupi ba ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela