LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w12 1/1 ts. 30-31
  • Itise mo Meyeng e e Boikepo!

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Itise mo Meyeng e e Boikepo!
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2012
w12 1/1 ts. 30-31

Tsa Basha

Itise mo Meyeng e e Boikepo!

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona ditiragalo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone. Dira gore dipego tseno di nne le botshelo.

1 AKANYA KA KELOTLHOKO KA DITIRAGALO TSENO.—BALA GENESISE 6:1-6 LE DITIRO 19:11-20.

Tlhalosa gore o akanya gore Banefilime ba ne ba ntse jang.

․․․․․

O akanya gore fa banna bangwe ba sena go mekamekana le moya o o boikepo jaaka go tlhalositswe mo go Ditiro 19:13-16, ba ne ba ikutlwa jang?

․․․․․

2 DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Dirisa didirisiwa tsa go dira dipatlisiso tse o nang le tsone go ithuta mo go oketsegileng ka Banefilime. O akanya gore ke ka ntlha yang fa ba ne ba rata thubakanyo jaana?

․․․․․

Ke jang go ka tweng meya e e boikepo e ne ya ‘latlha lefelo la yone le le tshwanetseng la bonno’? (Bala Jude 6.) O akanya gore ke ka ntlha yang fa e ne e se ga tlholego—e bile go sa siama—gore ba ipatlele basadi ba batho?

․․․․․

Dipego tse pedi tse o di badileng di go ruta eng malebana le tsela e meya eno e e boikepo e ratang tlhakanelodikobo le thubakanyo ka tsela e e feteletseng ka yone?

․․․․․

3 DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Bosetlhogo le bopelotshetlha jwa meya e e boikepo.

․․․․․

DINTLHA TSE DINGWE TSE O KA DI DIRISANG.

E re ka meya e e boikepo e ka se tlhole e iphetola batho ba senama, e ka leka go go tlhotlheletsa ka ditsela dife?

․․․․․

Ke mefuta efe ya boitlosobodutu e e bontshang maikutlo le dikeletso tsa meya e e boikepo gompieno?

․․․․․

O ka bontsha jang gore o ikemiseditse go gana tlhotlheletso ya meya e e boikepo? (Bala Ditiro 19:18, 19 gape.)

․․․․․

4 KE DINTLHA DIFE MO DIPEGONG TSENO TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

Fa o se na Baebele kopa Basupi ba ga Jehofa gore ba go neye yone kgotsa o e bale mo atereseng eno ya internet www.watchtower.org

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela