LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 10/1 ts. 24-25
  • Nako e re Tshwanetseng go Nna re Thantse ka Yone

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Nako e re Tshwanetseng go Nna re Thantse ka Yone
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Mosimane yo o Neng a Robala
    Buka ya Me ya Dipolelo Tsa Baebele
  • “Ga ke Na Molato wa Madi a Motho Ope”
    Go “Ntsha Bosupi jo bo Tletseng” ka Bogosi Jwa Modimo
  • Go Direga Eng ka Rona fa re Sena go Swa?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2015
  • “Nnang lo Disitse”!
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 10/1 ts. 24-25

Ruta Bana ba Gago

Nako e re Tshwanetseng go Nna re Thantse ka Yone

O KA nna wa dumela gore go botlhokwa go nna o thantse fa o le kwa sekolong. Ba le bantsi ba a otsela fa ba le kwa tlelaseng, mme gore o kgone go ithuta o tshwanetse go nna o thantse. Gape o tshwanetse go nna o thantse kwa dipokanong tse o ithutang Baebele kwa go tsone.

O akanya gore o ka dira eng se se ka go thusang gore o nne o thantse?—a Sengwe se o ka se dirang ke go tila go robala bosigo thata. Gongwe go robala go se kae thapama le gone go tla go thusa. Mma re bone se re ka se ithutang mo go se se kileng sa diragalela mosha yo o ileng a thulamela fa moaposetoloi Paulo a neetse puo go le bosigo thata. Bala mo Baebeleng mo go Ditiro kgaolo 20, temana 7 go ya go 12 mme o bone se se neng sa direga.

Paulo o ne a etetse phuthego e e mo motseng wa Teroase o o neng o le gaufi le boemakepe. Baebele ya re Paulo o “ne a tlile go tsamaya letsatsi le le latelang” ka mokoro. Ka jalo o ne “a lelefatsa puo ya gagwe go fitlha bosigogare.” Re bala jaana: “Ya re lekau lengwe le le neng le bidiwa Yutiko le ntse fa fensetereng, la tshwarwa ke boroko jo bogolo fa Paulo ene a ntse a bua.” Go tswa foo go ne ga direga eng?—

Yutiko o ne a wa ka fensetere a wela “kwa tlase go tswa letlhatlaganyaneng la boraro.” Paulo le ba bangwe ba ne ba fologa ditepisi ba taboga thata. Ba ne ba fitlhela Yutiko a wetse fa fatshe—a sule! A o ka akanya kafa botlhe ba neng ba utlwile botlhoko ka teng?— Baebele ya re Paulo o ne a tlamparela Yutiko. Go ise go ye kae Paulo o ne a tlhaeletsa jaana ka boipelo: ‘Se tshwenyegeng, o siame!’ Modimo o ne a tsositse Yutiko!

Ke eng se re ka se ithutang ka Modimo mo go se se diragaletseng Yutiko?— Sengwe se re ka se ithutang ke gore Jehofa, Rraarona yo o kwa legodimong a ka kgona go tsosa baswi, go akaretsa le basha. Jehofa o a go tlhaloganya e bile o a go rata, tota le go gaisa kafa batsadi ba gago ba go ratang ka gone. Fa Jesu a ne a le mo lefatsheng, o ne a bontsha kafa Rraagwe a leng ka teng ka go tlamparela le go segofatsa bana ba bannye. Gape o ne a tsosa basha, go akaretsa le mosetsana wa dingwaga tse 12.

Go itse gore Rraago yo o kwa legodimong o a go rata go dira gore o ikutlwe jang?— Ee, go dira gore le rona re rate Jehofa mme re batle go ikobela se a se buang. A o itse gore re ka bontsha jang gore re a mo rata?— Tsela nngwe ke ka go bua gore re a mo rata. Jesu o ne a re: “Ke rata Rara.” Mme Jesu o ne a dira se se fetang go bua fela gore o rata Modimo. O ne a bontsha seo ka se a neng a se dira.

Jesu o ne a ikobela Modimo. O ne a re: “Ka metlha ke dira dilo tse di mo itumedisang.” Le rona fa re dira jalo, re tla leka ka natla go nna re thantse fa re le kwa sekolong le fa re le kwa dipokanong tsa Bokeresete gore re itumedise Jehofa le Morwawe e bong Jesu.

Bala mo Baebeleng ya Gago

  • Ditiro 20:7-12

  • Luke 8:49-56

  • Johane 8:29; 14:31

a Fa o bala le ngwana, letshwao la thaladi le go gakolola gore o eme mme o mo kgothaletse go ntsha maikutlo a gagwe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela