LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 6/1 ts. 32
  • “A Batho ba Tla Senya Lefatshe?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A Batho ba Tla Senya Lefatshe?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Tla O Utlwe Puo ya Phatlalatsa ya “Tumelo le Isagwe ya Gago”
    Tsogang!—1997
  • Web Site ya Rona ya Semolao—E Diretswe go Solegela Rona le ba Bangwe Molemo
    Tirelo ya Rona ya Bogosi—2012
  • Dikopano Tse Dikgolo Bosupi jwa Bokaulengwe jwa Rona
    Basupi ba ga Jehofa—Baboledi ba Bogosi jwa Modimo
  • Go Falotsa Lefatshe mo go Senngweng
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1990
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 6/1 ts. 32

“A Batho ba Tla Senya Lefatshe?”

● Fa motho a le kwa lefaufaung, lefatshe le lebega jaaka lebenyane le lentle le le nang le mmala o o pududu le o mosweu. Mme fa o le mo go lone o kgona go lemoga gore legae leno la rona le senyegile. Seo se bakilwe ke eng? Karabo e motlhofo: Batho ga ba tlhokomele lefatshe. Se sengwe gape ke gore ga ba senye lefatshe fela ka go kgotlela tikologo, go rema dikgwa le go sa le dirise sentle, gape ba le senya ka tsela e ba itshwarang ka yone ba itlhokomolosa kamano ya bone le Modimo ka go dira thubakanyo, go bolaya le go dira boitsholo jo bo sa siamang jwa tlhakanelodikobo.

Boemo jono jo bo utlwisang botlhoko bo ne jwa bolelelwa pele dingwaga di ka nna dikete di le pedi tse di fetileng mo boporofeting jo bo akabatsang jo bo kwadilweng mo Baebeleng. (2 Timotheo 3:1-5; Tshenolo 11:18) Gape Baebele e bolelela pele gore Modimo—e seng motho ope—o tla baakanya boemo jono. Dintlha tseno tse di botlhokwa di tla tlhalosiwa mo puong ya phatlalatsa e e reng “A Batho Ba Tla Senya Lefatshe?” Puo eno e tla neelwa kwa Dikopanong tsa Kgaolo tsa Basupi ba ga Jehofa tsa setlhogo se se reng “A Bogosi Jwa Modimo bo Tle!” tse di tla tshwarwang mo lefatsheng lotlhe mme di tla simolola ka September mo Afrika Borwa.

Re go laletsa ka lorato gore o nne gone kwa kopanong e e tla tshwarelwang gaufi le kwa o nnang gone. Fa o batla dintlha tse di oketsegileng, tsweetswee ikgolaganye le Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la lona kgotsa o kwalele bagatisi ba makasine ono. Aterese ya Internet ya www.jw.org e na le lenaane la mafelo a dikopano di tla tshwarelwang kwa go one mo lefatsheng lotlhe.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela