LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w11 5/1 ts. 3
  • Mathata a a Nayang Tsholofelo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Mathata a a Nayang Tsholofelo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Baebele ya Reng ka Kgang Eno?
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa (Ya Batho Botlhe)—2017
  • Sesupo sa ‘Malatsi a Bofelo’ Kgotsa sa “Bokhutlo” ke Eng?
    Dikarabo Tsa Dipotso Tsa Baebele
  • Bana Ba Ba Senang Magae—A Go Na le Tharabololo?
    Tsogang!—1990
  • Thuto E E Mosola mo Dipakeng Tseno tsa Rona Tse Di Tlhokofatsang
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1994
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2011
w11 5/1 ts. 3

Mathata a a Nayang Tsholofelo

“Mo metlheng ya bofelo go tla nna le dinako tsa mathata tse go leng boima go lebana le tsone.”—2 TIMOTHEO 3:1.

A O KILE wa utlwalela—kgotsa wa bona—epe ya ditiragalo tse di latelang tse di utlwisang botlhoko?

● Bolwetse jo bo bolayang bo nyeletsa batho ba le masomesome.

● Batho ba le makgolokgolo ba swa ka ntlha ya leuba.

● Thoromo ya lefatshe e bolaya diketekete tsa batho mme ba bangwe ba bantsi ba sala ba se na matlo.

Mo ditsebeng tse di latelang o tla sekaseka dintlha tse di tla dirang gore o akanye thata ka boemo jwa lefatshe leno. Gape o tla bona gore Baebele e ne ya bolelela pele gore maemo a a ntseng jalo a ne a tla nna teng mo nakong e e bidiwang ‘metlha ya bofelo.’a

Le fa go ntse jalo, boikaelelo jwa ditlhogo tseno ga se go go bontsha gore re tshela mo lefatsheng le le tletseng mathata. O tshwanetse wa bo o kgona go bona mathata ano ka bowena. Go na le moo, di diretswe go go naya tsholofelo. Di tla go bontsha gore go diragadiwa ga dipolelelopele tseno tse thataro go kaya gore ‘metlha ya bofelo’ e tloga e fela. Gape ditlhogo tseno di tla sekaseka ditsela tse di tlwaelegileng tse batho ba ganetsang bosupi jono ka tsone mme di tla bontsha lebaka le le utlwalang la go dumela gore go tla nna le botshelo jo bo botoka mo isagweng.

[Ntlha e e kwa tlase]

a Fa o batla go itse gore ke ka ntlha yang fa Modimo a letleletse maemo ano a a bosula, bona setlhogo se se reng “Ke ka Ntlha Yang fa Modimo a Letlelela Bosula le Pogo?” mo go tsebe 16 le 17 mo makasineng ono.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela