LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w08 5/1 ts. 23
  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Go Senngwa ga Sodoma le Gomora
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Gakgamatsa Bareetsi ba Gagwe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
  • Jesu o Emelana le Thaelo
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2009
  • Petere o Itatola Jesu
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2008
w08 5/1 ts. 23

Tsa Basha

Jesu o Fodisa Batho ka Kgakgamatso

Ditaelo: Direla porojeke eno mo lefelong le le didimetseng. Fa o ntse o bala ditemana, akanya o na le seabe mo go se se diregang. Bona tiragalo eo ka leitlho la mogopolo. Utlwa mantswe. Ikutlwe kafa batsayakarolo ba konokono ba ikutlwang ka gone.

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA MATHAIO 15:21-28.

O akanya gore mmè o ne a ikutlwa jang?

․․․․․

O akanya gore Jesu o ne a buka ka “lentswe” le le ntseng jang mo ditemaneng tse di latelang?

24 ․․․․․ 26 ․․․․․ 28 ․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

Jesu o ne a bontsha ka makgetlo a le kae—ka mafoko kgotsa ka ditiro—gore o ne a se kitla a fodisa morwadia mosadi yoo?

․․․․․

Ke ka ntlha yang fa kwa tshimologong Jesu a ne a gana go mo fodisa?

․․․․․

Jaanong ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a mo fodisa?

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Go nna tekatekano ga ga Jesu.

․․․․․

Kafa o ka etsang nonofo eno ka gone fa o dirisana le ba bangwe.

․․․․․

AKANYA KA KELOTLHOKO KA LEFELO LE TIRAGALO EO E DIREGANG MO GO LONE.—BALA MAREKO 8:22-25.

O akanya gore batho ba ne ba bona eng le go utlwa medumo efe mo motseng le kwa ntle ga one?

․․․․․

DIRA DIPATLISISO TSE DI OKETSEGILENG.

O akanya gore ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a ntshetsa monna yono kwa ntle ga motse pele a mo fodisa?

․․․․․

DIRISA SE O SE ITHUTILENG. KWALA SE O SE ITHUTILENG KA . . .

Tsela e Jesu a neng a ikutlwa ka yone ka batho ba ba golafetseng—le fa a ne a ise a tsamaye a golafale.

․․․․․

KE DIKAROLO DIFE MO DIPEGONG TSENO TSE PEDI TSA BAEBELE TSE O DI RATILENG THATA, MME KA NTLHA YANG?

․․․․․

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela