A Jesu O ne A na Le Baebele?
NNYAA, Jesu o ne a se na Baebele. Ka ntlha yang? Ka gonne Baebele e e feletseng, jaaka e ntse gompieno, e ne e seyo mo motlheng wa gagwe. Le fa go ntse jalo, mo disinagogeng go ne go na le dikarolo tsa dikwalo tsa momeno tse di nang le mekwalo e e leng karolo ya Baebele e re e itseng. Jesu o ne a bala lokwalo lwa momeno lwa ga Isaia kwa sinagogeng kwa Nasaretha. (Luke 4:16, 17) Moaposetoloi Paulo o ne a utlwa “Molao o . . . balwa phatlalatsa le Baporofeti” mo Antioka mo Pisidia. (Ditiro 13:14, 15) Gape morutwa Jakobe o ne a re Moshe o ne a “balelwa kwa godimo mo disinagogeng ka sabata mongwe le mongwe.”—Ditiro 15:21.
A batho ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba ne ba na le memeno ya Dikwalo Tse di Boitshepo? Go bonala moopafadiwa wa Moethiopia wa ntlo ya segosi ya ga Kgosigadi Kandase a ne a na le yone, ka go bo o ne “a ntse mo kareng ya gagwe a balela moporofeti Isaia kwa godimo” fa morutwa Filipo a ne a kopana le ene mo tseleng e e yang Gasa. (Ditiro 8:26-30) Moaposetoloi Paulo o ne a kopa Timotheo gore a tle le “dikwalo tsa momeno, segolobogolo dikwalelo tsa letlalo.” (2 Timotheo 4:13) Le mororo Paulo a sa ka a bua gore e ne e le dikwalo dife tsa momeno, go ka direga gore e bo e le dikarolo tsa Dikwalo tsa Sehebera.
Go ya ka Alan Millard, yo e leng porofesa ya dipuo tsa Se-Semite, go lebega gore mo Bajudeng, batho ba ba neng ba ka nna le memeno ya Dikwalo e ne e le fela “batho ba maemo mo Palesetina, batho botlhe ba ba neng ba itsaya ba rutegile, bangwe ba Bafarasai le barutisi ba ba jaaka Nikodemo.” Lengwe la mabaka e ne e le tlhwatlhwa ya yone. Millard o fopholetsa fa “didenario di le thataro go ya go di le lesome di reka khopi ya Isaia,” mme a re Baebele e e feletseng ya Sehebera e ne “e ka nna memeno e le 15 go ya go 20,” mo go rayang gore e ne e ka tlhoka mo e ka nnang halofo ya madi a motho a a amogelang ka ngwaga.
Baebele ga e re bolelele gore a Jesu kana barutwa ba gagwe ba ne ba na le dikhopi tsa momeno tsa Baebele. Le fa go ntse jalo, ga go na pelaelo gore Jesu o ne a itse Dikwalo, mo a neng a ka kgona go di umaka kana go di tsopola ka tlhogo. (Mathaio 4:4, 7, 10; 19:4, 5) A seno ga se re rotloetse go itlwaetsa go dirisa Baebele, e re ka go le motlhofo go e bona mo metlheng ya gompieno?