Dithuto Tse di Botlhokwa Tse Bana ba ka Ithutang Tsone
GLADYS o bereka mo sekolong kwa Mendoza, Argentina. Letsatsi lengwe fa a feta mo tlelaseng nngwe o ne a bona morutabana wa mophato wa bonè a balela barutwana ba gagwe Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.a Gladys o ne a itsise morutabana yono gore ene ke mongwe wa Basupi ba ga Jehofa mme a ithaopela go mmontsha kafa a ka solegelwang molemo ke buka eno ka gone. Morutabana yono o ne a kgatlhiwa thata ke se Gladys a mmoleletseng sone mme o ne a batla gore buka eno e nne karolo ya dithuto tse di rutwang ka metlha mo sekolong. Le fa go ntse jalo, o ne a tlhoka tetla ya lekgotla la tsamaiso ya sekolo gore a kgone go dira seo. O ne a itumela tota fa a newa tetla eo.
Moragonyana ga foo, mo letsatsing la go rotloetsa baithuti go bala dibuka, morutabana yono o ne a abela baithuti ba gagwe gore ba bale kgaolo go tswa mo bukeng eno fa pele ga bana ba bangwe ba ba tsenang sekolo le bone. Mme ka ntlha ya tsela e e molemo e thulaganyo eno e neng ya tsibogelwa ka yone, morutabana yono o ne a lalediwa gore a nne teng mo go nngwe ya dithulaganyo tsa thelebishene tsa lefelo leo. Fa go umakiwa tsela e bana ba sekolo ba itshwarang ka yone, motshwari wa thulaganyo eo o ne a botsa morutabana yono jaana: “O kgona jang go dira gore bana ba tlelase ya gago ba nne ba le mo taolong?” Morutabana o ne a tlhalosa gore o ne a dirisa buka ya setlhogo se se reng, Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela. O ne a tlhalosa gore le fa gone a ne a sa rute bodumedi mo tlelaseng ya gagwe, buka eno e ne e mo thusa gore a rute bana melao e e siameng ya boitsholo e e jaaka tlotlo, go itshokelana, go nna seoposengwe, go dirisana mmogo, go nna kutlo le lorato. Botlhe ba ne ba dumalana gore tseno ke dithuto tse di molemo tse bana ba tshwanetseng go ithuta tsone.
A le wena o ka rata go ruta bana ga gago mekgwa eo e mentle? O ka nna wa kopa mongwe wa Basupi ba ga Jehofa gore a go batlele khopi ya kgatiso eno e e kgatlhang ya Buka ya Me ya Dipolelo tsa Bibela.
[Ntlha e e kwa tlase]
a E gatisitswe ke Basupi ba ga Jehofa.