LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 6/15 ts. 32
  • “A o Itse Modimo ka Leina?”

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • “A o Itse Modimo ka Leina?”
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 6/15 ts. 32

“A o Itse Modimo ka Leina?”

POTSO eo e ne ya tsosa kgatlhego ya mosadi mongwe kwa borwabophirima jwa Asia Bogare. Potso eo e ne e le setlhogo sa kafa ntle sa makasine o mongwe wa rona wa Tsogang! wa February 8, 2004. Mosadi yono o ne a kwalela bagatisi ba makasine ono jaana: “Fela fa ke bona makasine ono ke ne ka kgatlhegela go o bala ka metlha mme o ne wa nthusa go nna le mekgwa e mentle. Ke simolotse go leba botshelo ka tsela e e siameng. Ke bolelela mongwe le mongwe ka Modimo wa rona le kafa kitso eno e tlisetsang motho kagiso ka teng.”

Mo mafelong a mantsi, tota e bile, “go ya karolong e e kwa kgakalakgakala ya lefatshe,” batho ba tlwaelana le leina la Modimo Jehofa. (Ditiro 1:8) Ka sekai, leina leno ka puo ya Se-Turkmen, Yehowa, le teng mo thanolong ya Se-Turkmen ya Dikwalo Tse di Boitshepo. Pesalema 8:1 ya re: “Jehofa Morena wa rona, a bo leina la gago le tlotlometse jang ne mo lefatsheng lotlhe!”

E le gore mosadi yono a kgone go ithuta dilo tse dintsi ka Jehofa Modimo, o ne a kopa bukana ya ditsebe tse 32 ya setlhogo se se reng Leina La Modimo Leo Le Tla Nnelang Ruri. Le wena o ka kopa bukana eno mo mongweng yo e leng Mosupi wa ga Jehofa.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela