LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w07 2/15 ts. 32
  • Sekao sa Boikanyego

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Sekao sa Boikanyego
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2007
w07 2/15 ts. 32

Sekao sa Boikanyego

NELMA, yo o dirang tiro ya baakanya batho moriri kwa Cruzeiro do Sul, kwa Brazil, bosheng o ne a lebana le teko ya boikanyego jwa gagwe jwa Bokeresete. Ka nako ya fa morwalela o ne o aparetse lefelo le Nelma a neng a nna mo go lone, o ne a newa diaparo ke mongwe wa batho ba a ba dirang moriri. Fa a ne a phutholola diaparo tseo, o ne a fitlhela madi a a lekanang le diranta di le 7 400 mo kgwatlheng ya bongwe jwa marokgwe.

Madi a Nelma a a fitlhetseng moo a ne a lekana le a a neng a ka a amogela mo lobakeng lwa dikgwedi di ka nna supa, mme o ne a a tlhoka thata. Ntlo ya gagwe e ne e sentswe ke morwalela, mme rraagwe le bomogolowe le bomonnawe ba ne ba latlhegetswe ke bontsi jwa dithoto tsa bone. O ne a ka dirisa madi ao go feleletsa go baakanya legae la bone mme go ne go ntse go tla sala a mangwe a a neng a ka thusa ba losika ka one. Le fa go ntse jalo, segakolodi sa ga Nelma se se thapisitsweng ka Baebele ga se a ka sa mo dumelela gore a itseele madi ao.—Bahebera 13:18.

Makuku mo letsatsing le le latelang, o ne a ya tirong pele ga nako ya go theogela mme a ikgolaganya le mosadi yoo wa kgwebo yo o neng a mo neile diaparo tseo. Nelma o ne a mo lebogela diaparo tseo mme a mmolelela gore o ne a ka se itseele se a neng a se fitlhetse mo teng. Mosadi yoo o ne a itumela thata fa a ne a newa madi ao. O ne a a beetse kwa thoko go duela babereki ba gagwe. Mosadi yono o ne a re: “Batho ba bantsi ga ba ikanyege.”

Ee, batho bangwe ba ka tswa ba akanya gore go ikanyega ga go thuse motho ka sepe. Mme boikanyego ke nonofo e batho ba ba ratang go itumedisa Modimo wa boammaaruri, Jehofa, ba e tseelang kwa godimo thata. (Baefeso 4:25, 28) Nelma a re: “Ke ne ke se na go kgona go robala sentle bosigo fa nkabo ke itseetse madi ao.”

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela