LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 12/15 ts. 32
  • Keresemose—E Gogela Kae?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Keresemose—E Gogela Kae?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 12/15 ts. 32

Keresemose—E Gogela Kae?

DINGWAGA di le lesome tse di fetileng mo kgweding eno, makasine wa U.S.News & World Report o ne wa kwala ka kgang e e reng, “Go Batla Keresemose.” Setlhogo seo se ne se bua thata ka kgang ya gore a Keresemose e ne e “itshekile, e bile e se nako ya go dira kgwebo.” A tota seo ke sone se se ntseng se direga?

Setlhogo seo se ne sa tlhalosa mabaka a go bo re sa tshwanela go solofela gore go tla nna jalo. Se ne sa re: “Ga go na gope kwa go buiwang teng ka go keteka botsalo jwa ga Keresete go fitlha ka lekgolo la bonè la dingwaga, fa Constantine . . . e ne e le mmusimogolo wa Roma.” Seno se ne se bontsha “ka tsela nngwe gore go ne go se na ope yo tota a neng a itse sentle gore Jesu o tshotswe leng.” Setlhogo seo se ne sa dumela gore “diefangele ga di umake ngwaga, le fa e le kgwedi kana letsatsi le a tshotsweng ka lone.” Go ya ka mokwalahisitori wa kwa University of Texas, “Bakeresete ba bogologolo ba ne ba sa kgatlhegele go keteka Botsalo jwa ga Jesu.”

Kafa tlase ga setlhogwana se se reng, “Kgang e e Fopholediwang” setlhogo seo se ne sa tlhalosa “kafa go diregileng ka teng gore kereke e tlhophe letsatsi la December 25.” Se ne sa re: “Batho ba bantsi ba dumela gore letsatsi leno la boikhutso e ne e le tsela ya go dira gore Saturnalia le mekete e mengwe ya boheitane e dirwe ya Bokeresete.” “Ka go dira gore Keresemose e ketekwe kwa bokhutlong jwa December, ka nako e batho ba neng ba setse ba tlwaetse go nna mo meketeng ka yone, baeteledipele ba dikereke ba ne ba tlhomamisa gore batho ba bantsi ba keteka botsalo jwa Mmoloki.” Mo bogareng jwa lekgolo la bo19 la dingwaga, go ne ga gatelelwa thata kgang ya go reka dimpho le go di aba. “Mokgwa oo o mosha wa go aba dimpho ka Keresemose e ne ya nna tsela ya go dira madi a mantsi mme bagwebi le babapatsi ba ne ba simolola go buelela paka eno.”

Ka jalo ga go na lebaka la go lebelela gore Keresemose e tla gogela golo gongwe go sele kwa ntle ga gore e gogetse kgakala le Bokeresete jwa mmatota. Fa Keresemose ya segompieno e tletse ka “kgwebo e e gogelang,” Bakeresete ba boammaaruri ga ba ise nke ba lebelele gore ba tla keteka botsalo jwa ga Jesu. Go na le moo, Baebele e bua thata ka thekololo e Keresete a e ntshitseng ka loso lwa gagwe le go tsosediwa ga gagwe kwa legodimong. (Mathaio 20:28) Seno ke sone selo sa botlhokwa thata mme se tla tswelela se le botlhokwa ka bosakhutleng.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela