LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w06 3/1 ts. 32
  • A o Batla go Nna le Ditsala Tse di Molemo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o Batla go Nna le Ditsala Tse di Molemo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2006
w06 3/1 ts. 32

A o Batla go Nna le Ditsala Tse di Molemo?

BATHO ba bantsi ba batla go nna le ditsala tse di molemo. Go tlotlela ditsala tsa gago tse o atamalaneng le tsone dilo tse di go diragalelang mo botshelong go dira botshelo monate tota. Mme gone o ka bona jang ditsala tsa mmatota? Dingwaga di ka nna 2 000 tse di fetileng, Jesu o ne a tlhalosa gore selo sa konokono se se neng se ka thusa batho botlhe go dirisana sentle ke go nna le lorato lo e seng lwa boithati. O ne a ruta jaana: “Fela jaaka lo batla batho ba lo direla, ba direleng ka yone tsela eo.” (Luke 6:31) Mafoko ao, a gantsi a bidiwang Molao wa Sekagouta, a bontsha gore o tshwanetse go nna motho yo o seng pelotshetlha, mme o nne motho yo o abang, gore o tle o nne le ditsala. Fa re itaya kgomo lonaka, gore o nne le tsala, o tshwanetse go nna botsalano. Jang?

Ga go direge fela ka ponyo ya leitlho gore o nne le tsala e e lorato e o atamalaneng thata le yone. Boammaaruri ke gore ditsala ga se fela batho ba re tlwaelaneng le bone. Ke batho ba o atamalaneng le bone ba o ba tshololelang maikutlo a gago. Go tlhokega gore motho a dire boiteko gore a tswelele a na le ditsala tse di ntseng jalo. Gantsi botsala bo tlhoka gore o beye dilo tse di tlhokwang ke tsala ya gago kwa pele ga tse wena o di tlhokang. Ditsala di itumela mmogo e bile di lela mmogo.

O bontsha gore o tsala ya mmatota fa o letla motho yo mongwe gore a go tshololele maikutlo a gagwe le ka go mo thusa ka dilo tse dingwe tse a di tlhokang. Diane 17:17 ya re: “Molekane wa boammaaruri o lorato ka dinako tsotlhe, mme ke morwarramotho yo o tsholetsweng nako ya fa go na le matshwenyego.” Tota e bile, botsala bo kgona go nna maatla go feta dikamano tse batho ba bangwe ba nang le tsone le ba malapa a bone. Diane 18:24 ya re: “Go na le balekane ba ba sekametseng mo go senyaneng mme go na le tsala e e ngaparelang go gaisa morwarra motho.” A o ka rata go itse gore o ka nna jang le ditsala tse di ntseng jalo tse di molemo? A o ka rata go nna karolo ya setlhopha sa batho ba ba itsegeng ka go ratana ga bone? (Johane 13:35) Fa e le gore o ka rata, Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go bontsha gore o ka bona jang ditsala tsa mmatota.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela