LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w05 11/1 ts. 13-14
  • Thekololo e Tlotlomatsa Tshiamo ya Modimo

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Thekololo e Tlotlomatsa Tshiamo ya Modimo
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
  • Tse di Tsamaisanang le Setlhogo Seno
  • Thekololo—Mpho e e Molemo e e Tswang Kwa Modimong
    Baebele e re Ruta Eng?
  • Thekololo—Mpho ya Modimo e e Botlhokwatlhokwa
    Totatota Baebele e Ruta Eng?
  • Jehofa o Dirile Thulaganyo ya “go Rekolola ba le Bantsi”
    Atamalana le Jehofa
  • Thekololo e e Lekalekanang ya Botlhe
    Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—1991
Bona Ditlhogo Tse Dingwe
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2005
w05 11/1 ts. 13-14

Thekololo e Tlotlomatsa Tshiamo ya Modimo

FA Adame le Efa ba sena go tsuologa, Jehofa o ne a bolela maikaelelo a gagwe a go tlhagisa Losika lo lo tla gobadiwang mo seretheng. (Genesise 3:15) Seno se ne sa diragadiwa fa baba ba Modimo ba ne ba dira gore Jesu Keresete a bolawe mo koteng ya tlhokofatso. (Bagalatia 3:13, 16) Jesu o ne a se na boleo ka gonne o ne a imilwe ka kgakgamatso ka maatla a moya o o boitshepo mo popelong ya lekgarebana. Ka jalo madi a gagwe a a tsholotsweng a ne a ka dirisediwa go nna tlhwatlhwa ya thekololo ya go golola batho ba ba neng ba ruile boleo le loso mo go Adame.—Baroma 5:12, 19.

Ga go sepe se se ka thibelang Modimo mothatayotlhe, Jehofa, gore a diragatse se a ikaeletseng go se dira. Ka jalo, fa batho ba sena go leofa, mo matlhong a ga Jehofa go ne go tshwana le gore tlhwatlhwa ya thekololo e ne e setse e duetswe mme o ne a ka dirisana le batho ba ba neng ba dumela gore ditsholofetso tsa gagwe di tla diragadiwa. Seno se ne sa dira gore Modimo a kgone go tsamaya le go tsalana le ditlogolwana tsa ga Adame tse e neng e le baleofi tse di jaaka Enoke, Noa le Aborahame kwantle ga go senya boitshepo jwa gagwe.—Genesise 5:24; 6:9; Jakobe 2:23.

Batho bangwe ba ba neng ba dumela mo go Jehofa ba ne ba dira maleo a a masisi. Kgosi Dafide ke mongwe wa bone. O ka nna wa botsa wa re, ‘Ke ka ntlha yang fa Jehofa a ne a tswelela a segofatsa Kgosi Dafide fa a se na go dira boaka le Bathesheba le go dira gore monna wa ga Bathesheba e bong Uria a bolawe?’ Selo sa botlhokwa ke gore Dafide o ne a ikwatlhaya go tswa pelong e bile a na le tumelo. (2 Samuele 11:1-17; 12:1-14) Ka ntlha ya setlhabelo se se neng se sa ntse se tla sa ga Jesu Keresete, Modimo o ne a ka itshwarela maleo a ga Dafide yo o neng a ikwatlhaya, mme a sala a ntse a bolokile tshiamiso le tshiamo ya gagwe. (Pesalema 32:1, 2) Go bontsha seno, Baebele e tlhalosa selo se se molemolemo se thekololo ya ga Jesu e se fitlheletseng, e bong gore ‘a bontshe tshiamo ya Modimo, ka gonne o ne a itshwarela maleo a a neng a dirwa mo nakong e e fetileng’ le “mo pakeng eno ya jaanong.”—Baroma 3:25, 26.

Ruri batho ba solegelwa molemo thata ka ntlha ya boleng jwa madi a ga Jesu. Batho ba ba leofileng ba ba ikwatlhayang ba itumelela go nna le kamano e e gaufi le Modimo ka ntlha ya thekololo. Mo godimo ga moo, thekololo e dira gore baswi ba kgone go tsosediwa mo lefatsheng le lesha la Modimo. Mme batho bano ba akaretsa le batlhanka ba Modimo ba ba ikanyegang ba ba neng ba swa pele Jesu a duela thekololo eno, tota le batho ba le bantsi ba ba suleng ba se na kitso e bile ba sa obamele Modimo. Baebele e bolela jaana: “Go tlile go nna le tsogo ya ba ba siameng mmogo le ba ba sa siamang.” (Ditiro 24:15) Ka ntlha ya thekololo, Jehofa o tla naya batho botlhe ba ba kutlo botshelo jo bo sa khutleng ka nako eo. (Johane 3:36) Jesu ka boene o ne a tlhalosa jaana: “Modimo o ratile lefatshe mo go kalo mo a bileng a ntsha Morwawe yo o tsetsweng a le esi, gore mongwe le mongwe yo o dumelang mo go ene a se ka a senngwa mme a nne le botshelo jo bo sa khutleng.” (Johane 3:16) Batho ba tla kgona go bona melemo eno yotlhe ka ntlha ya thulaganyo ya Modimo ya setlhabelo sa thekololo.

Le fa go ntse jalo, selo se segolo ka thekololo ga se melemo e re e amogelang mo go yone. Sa botlhokwatlhokwa ke se thekololo ya ga Keresete e se direlang leina la ga Jehofa. E bontsha gore Jehofa ke Modimo wa tshiamiso e e itekanetseng yo o kgonang go dirisana le batho ba ba leofang mme a sale a ntse a le phepa e bile a le boitshepo. Fa Modimo a ne a sa rulaganya gore go nne le thekololo, ga go na setlogolwana sepe sa ga Adame, tota le sa ga Enoke, Noa, le Aborahame, se se ka bong se kgonne go tsamaya le Jehofa le go tsalana le ene. Mopesalema o ne a lemoga seno mme a kwala jaana: “Fa nkabo o lebelela ditlolo, wena Jah, Jehofa, ke mang yo o neng a ka ema?” (Pesalema 130:3) Ruri re tshwanetse go leboga Jehofa ka go bo a ile a re romelela Morwawe yo a mo ratang mo lefatsheng le go leboga Jesu yo o neng a ntsha botshelo jwa gagwe ka go rata go nna thekololo ya rona!—Mareko 10:45.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela