LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 3/1 ts. 32
  • A Motho a ka Fodisiwa ke go Nna le Tumelo?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A Motho a ka Fodisiwa ke go Nna le Tumelo?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 3/1 ts. 32

A Motho a ka Fodisiwa ke go Nna le Tumelo?

FA RE lwala, re batla go fola. Gongwe o ka tswa o itse go tswa mo Baebeleng gore kgapetsakgapetsa Jesu Keresete o ne a fodisa malwetse a mefuta yotlhe, a namola batho ba bantsi ba ba lwalang. O ne a ba fodisa jang? Baebele ya re ka ‘maatla a Modimo.’ (Luke 9:42, 43; Ditiro 19:11, 12) Ka jalo, ke moya o o boitshepo wa Modimo o o neng o fodisa, e seng tumelo e motho a nang le yone. (Ditiro 28:7-9) Ke ka lone lebaka leo Jesu a neng a sa re batho ba ba lwalang ba bolele gore ba na le tumelo mo go ene gore ba tle ba fodisiwe.

O ka nna wa ipotsa jaana: ‘A go fodisa batho ka kgakgamatso go ne go dirwa bogologolo fela kgotsa a batho ba tla boa gape ba fodisiwa ka tsela e Jesu a neng a fodisa ka yone? Batho ba ba lwalang bolwetse jo bo botlhoko kgotsa jo bo sa alafegeng ba na le tsholofelo efe?’

Baebele e tlhalosa gore mo lefatsheng le lesha la Modimo la tshiamo, maatla a Modimo a tla boa gape a dira gore batho ba fodisiwe ka tsela ya kgakgamatso e Jesu a neng a fodisa ka yone fa a ne a le mo lefatsheng. Basupi ba ga Jehofa ba mo lefelong la gaeno ba tla itumelela go go bontsha gore Modimo o tla dira jang le gone o tla dira leng se go se nang motho ope yo o fodisang ka go rapelela a ka kgonang go se dira—go fedisa malwetse otlhe, mmogo le loso. Ee, Modimo “ruri o tla kometsa loso ka bosaengkae.”—Isaia 25:8.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela