LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w04 2/1 ts. 32
  • Segakolodi se se Ikanyegang

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • Segakolodi se se Ikanyegang
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2004
w04 2/1 ts. 32

Segakolodi se se Ikanyegang

LETSATSI lengwe fa Charles, yo o berekang kwa yunibesithing nngwe kwa Kenya, a ne a tswa tirong o ne a latlhegelwa ke founu ya gagwe ya selula. Kwa Kenya difounu tseo e sa ntse e le dilo tsa maemo a a kwa godimo tse di turang.

Charles a re: “Ke ne ke sa solofela gore mongwe o ka e busa.” Le fa go ntse jalo, malatsinyana morago ga moo o ne a gakgamala fa a founelwa ke ofisi ya lekala ya Basupi ba ga Jehofa kwa Kenya. O ne a sa dumele se a neng a se utlwa fa a ne a kopiwa gore a tle go tsaya founu ya gagwe ya selula! O ne a bolelelwa gore modiredi mongwe wa nako e e tletseng wa Basupi ba ga Jehofa o ne a palame koloi le Charles mme a sela founu eo. Fa a ntse a leka go batla mong wa yone, modiredi yoo o ne a isa founu kwa ofising ya lekala, mme kgabagare badiri ba baithaopi ba ne ba kgona go latedisa Charles ka nomoro ya founu e ba neng ba e bona mo founung eo.

Charles o ne a kwalela ofisi ya lekala jaana: “Ke anaanela thata maiteko a a dirilweng go mpatla le fa go ne go le thata. Ruri ke leboga maloko a mokgatlho wa lona a a setseng founu ya me ya selula, a bona gore ke ya me, mme a e busa. Ga go motlhofo go kopana le motho yo o ikanyegang gompieno, mme go a kgothatsa gore re na le batho ba sekae ba ba tlhomologang e le Basupi ba boammaaruri ba ga Jehofa Modimo.”

Basupi ba ga Jehofa gongwe le gongwe ba itsege ka gore ba a ikanyega. Ba etsa moaposetoloi Paulo, yo o neng a re: “Re tshepa gore re na le segakolodi se se ikanyegang, ka re eletsa go itshwara ka boikanyegi mo dilong tsotlhe.” (Bahebera 13:18; 1 Bakorintha 11:1) Ba tlhaloganya gore boitshwaro jo bo ntseng jalo bo galaletsa Jehofa Modimo, jaaka Jesu a ile a bua a re: “A lesedi la lona le phatsime fa pele ga batho, gore ba tle ba bone ditiro tsa lona tse di molemo mme ba neye Rraalona yo o kwa magodimong kgalalelo.”—Mathaio 5:16.

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela