Megobe E e Sa Tsholeng Metsi
MO METLHENG ya go kwalwa ga Baebele, megobe e ne e le dikhuti tse di epilweng ke batho tse di neng di dirisediwa go bolokela metsi. Ka dinako tse dingwe, kwa Lefatsheng le le Solofeditsweng, megobe e ne e le yone fela e neng e dirisiwa gore go nne go na le metsi.
Fa moporofeti Jeremia a ne a kwala polelo e e tswang kwa Modimong, o ne a bua ka megobe ka tsela ya tshwantshetso a re: “Go na le dilo tse pedi tse di bosula tse batho ba me ba di dirileng: Ba ntlogetse, nna motswedi wa metsi a a tshelang, gore ba tle ba ipetlele megobe, megobe e e thubegileng, e e ka se tsholeng metsi.”—Jeremia 2:13.
E re ka Baiseraele ba ne ba latlhile Modimo wa bone, Jehofa—“motswedi wa metsi a a tshelang”—ba ne ba dira dikgolagano tse di ka se ikanngweng tsa sesole le ditšhaba tsa boheitane e bile ba obamela medimo ya maaka e e se nang maatla. Go ya ka tsela e Jeremia a tshwantshang ka yone, mafelo ao a ba neng ba solofetse go tshabela kwa go one, e ne e le megobe e e dutlang e e neng e se na maatla a go sireletsa kgotsa a go boloka.—Duteronome 28:20.
A go na le se re se ithutang gompieno mo sekaing seno sa hisitori? Jaaka go ne go ntse mo motlheng wa ga Jeremia, Modimo wa bosakhutleng, Jehofa, e ntse e le ene fela Motswedi wa metsi a a nayang botshelo. (Pesalema 36:9; Tshenolo 4:11) Batho ba ka bona botshelo jo bo sa khutleng mo go ene fela, ka Morwawe e bong Jesu Keresete. (Johane 4:14; 17:3) Mme, jaaka batho ba ba neng ba tshela ka nako ya ga Jeremia, batho ba bantsi gompieno ba tlhopha go gana le go nyatsa se Modimo a se buang mo Baebeleng. Go na le moo, ba ikanya ditharabololo tse di lebegang di le molemo tsa bopolotiki, dikakanyo tse di se nang mosola tsa batho, le dikgopolo tse di sa thuseng ka sepe le difilosofi tse di tlontlololang Modimo. (1 Bakorintha 3:18-20; Bakolosa 2:8) Go bonala sentle gore ke eng se se botoka go se tlhopha. O tla ikanya mang? A o tla ikanya “motswedi wa metsi a a tshelang,” Jehofa, kgotsa o tla ikanya “megobe e e thubegileng, e e ka se tsholeng metsi”?
[Setshwantsho mo go tsebe 32]
Sefikantswe sa letsopa sa modimo wa mmè wa sesadi se se fitlhelwang mo lebitleng la kwa Iseraele
[Motswedi wa Setshwantsho]
Photograph taken by courtesy of the British Museum