LAEBORARI YA MO INTERNET
Watchtower
LAEBORARI YA MO INTERNET
Setswana
š
  • ê š ô Ê Š Ô
  • BAEBELE
  • DIKGATISO
  • DIPOKANO
  • w03 10/1 ts. 32
  • A o “Ragakaka Ditlhabo”?

Ga go na bidio mo karolong eno.

Tshwarelo, bidio eno ga e kgone go tlhaga.

  • A o “Ragakaka Ditlhabo”?
  • Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
Tora ya Tebelo E Itsise Bogosi Jwa ga Jehofa—2003
w03 10/1 ts. 32

A o “Ragakaka Ditlhabo”?

MO METLHENG ya Baebele, setlhabapholo—thobane e telele e gantsi e neng e na le tshitswana e e motswi kwa ntlheng—se ne se dirisediwa go kgweetsa le go thiba dipelesa. Fa phologolo e ne e dipa le fa e tlhabiwa ka setlhabo go ne go felela ka eng? Go na le gore e se ka ya utlwa botlhoko e ne e ikokeletsa matsadi fela.

Jesu Keresete yo o tsositsweng o ne a bua ka ditlhabo fa a ne a bonala fa pele ga monna yo o bidiwang Saulo, yo o neng a le mo tseleng a ya go tshwara bangwe ba barutwa ba ga Jesu. Saulo o ne a utlwa Jesu a bolela jaana a le mo gare ga lesedi le le phatsimang thata: “Saulo, Saulo, o mpogisetsang? Go nna o ragakaka ditlhabo go a go thatafaletsa.” Fa Saulo a ne a sotla Bakeresete, tota o ne a lwa le Modimo, a tsaya tsela e e neng e tla mo tsenya mo kotsing.—Ditiro 26:14.

A le rona re ka tswa re “ragakaka ditlhabo” re sa ikaelela? Baebele e tshwantsha “mafoko a ba ba botlhale” le ditlhabapholo tse di re kaelang gore re tsamaye mo tseleng e e tshwanetseng. (Moreri 12:11) Kgakololo e e tlhotlheleditsweng e e mo Lefokong la Modimo e ka re rotloetsa le go re kaela sentle—fa re e letla gore e dire jalo. (2 Timotheo 3:16) Fa re gana kaelo eo, re ka tsena mo kotsing.

Saulo o ne a tsaya mafoko a ga Jesu tsia, a fetola mekgwa ya gagwe mme a nna moaposetoloi Paulo yo o rategang wa Mokeresete. Le rona re ka bona masego a a nnelang ruri fa re tsaya kgakololo ya Modimo tsia.—Diane 3:1-6.

[Motswedi wa Setshwantsho mo go tsebe 32]

L. Chapons/Illustrirte Familien-Bibel nach der deutschen Uebersetzung Dr. Martin Luthers

    Dikgatiso Tsa Setswana (1978-2026)
    Tswa
    Tsena
    • Setswana
    • Romela
    • Tse O ka Di Tlhophang
    • Copyright © 2026 Watch Tower Bible and Tract Society of Pennsylvania
    • Melawana ya Tiriso
    • Molawana wa Tshireletsego
    • Di-setting Tsa Websaete
    • JW.ORG
    • Tsena
    Romela